2024 Dithutiso Tsa Kgweditharo 2 Mophato 12 Final

Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 31

1112E

BUKANA YA DITIRWANA TSA 2024

SETSWANA PUO YA GAE

MOPHATO 12

1
DITHUTISO TSA BEKE 1-3
THUTISO1: TLHAMO YA NGANGISANO

Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 400 – 450 ka setlhogo se o se


neetsweng. O se ke wa lebala go thala letlhomeso kana lenaneopaakanyo, go
tlhagisa setlhangwa sa ntlha le go se runa diphoso pele o kwala sa bofelo. [50]

Setlhogo:

Borutabana ke tiro e e santseng e tlotlega thata. Dumela kgotsa o ganetse tlhagiso e.


Tlhokomela dintlha tse di latelang:

• Se lebale ditsela le mokgwa wa go kwala mofuta o wa tlhamo.


• Ikgopotse roboriki pele o kwala tlhamo.
• Tlhamo ya ngangisano e tlhagisa letlhakore le le lengwe mme dikakanyo di tlhagisiwa ka
kgatelelo e kgolo.
• Dirisa puo e e maleba le manatetshapuo go tlhagisa bothakga jwa gago mo kwalong.

THUTISO: 2

DIPOTSOKHUTSHWANE TSA LEBOKO LE TLHAMO

MELODI YA POKO - R.M. MAGOSHI

Buisa leboko le le latelang mme o arabe

POTSO 1

Loso lwa ga rre -Moses Tebogo Molefe Seate

1 Ke ne ka tsholetsa matlho a me kwa dithabeng,


2 Kwa dithabeng tse di boitshepo tsele tsa Modimo.
3 Keledi yona ya rotharotha matlhong a me,
4 Ka kopa thuso go yo o dutseng mo magodimong,
5 Yo o laelang dinaledi le ona mawatle;
6 Go gomotsa pelo ya ga Mme le kgaitsadiake,
7 Ba ba ipitikang ‘kwa meloreng ya dithothobolo,
8 Ba itima dijo bosigo le motshegare.
9 Mme, iphumule dikeledi tseo mo matlhong,
10 Kgaitsadi, tsaya metsi ke ana o godume;
11 Ke tsela ya mongwe le mongwe mo botshelong,
12 Leno lefatshe ga le a tshwara sepe se se molemo;
13 Thatafatsang pelo tsa lona le duduetseng,
14 Kana Rre ga a swa, o ithobaletse;
15 Tla utlwa lentswe la Morena fa le bua;

2
16 Tla tswa le botlhe motsing wa tsogo.
17 Felo-ga-baswi go meditse seganka sa diganka,
18 Namane e tona ya mmala o o sebilo;
19 Kwekwenene ya sesutlha-dikgwa go robetswe,
20 Tautona ke yono o rapaletse mo bopibong.
21 Le gale ga a jewa ke manong o patilwe,
22 Robala sentle moratiwa le mogomotsi wa me,
23 Ikhutse o lebale matshwenyego a lefatshe;
24 Rona ditlhoriso re tla sala re di bona.

POTSO 1

DIPOTSOKHUTSHWANE TSA LEBOKO

1.1 Ke kgankgolo efe e mmoki a e toutang mo lebokong le? (2)


1.2 Neela ponagalo e e tlhagelelang mo meleng ya 1 le 2, o be o bolele gore o e
bone jang, neela le mosola wa yona. (3)
1.3 Tlhalosa bokao jwa mela 4 le 5 jaaka e dirisitswe mo lebokong. (2)
1.4 Naya ponagalo ya poko mo mola 7 le mosola wa yona. (2)
1.5 Nopola sekapuo mo mola 14 o be o tlhalose gore o se lemogile jang. (2)
1.6 Goreng mmoki a dirisitse sekapuo sa mothofatso mo mola 17? (2)
1.7 Senola maikutlo a mmoki mo lebokong le. 2)
1.8 Molaetsa o o o ungwileng go tswa mo lebokong le ke ofe? (2)
[16]

POTSO 2

POTSO YA TLHAMO: LOSO LWA GA RRE

Kwala tlhamo e mo go yona o tlhalosang maikutlo a mmoki tebang le loso lwa ga rraagwe.
Boleele jwa tlhamo e nne mafoko a a ka nnang 250-300. [10]

3
THUTISO 3:
POTSO 1: TSHOBOKANYO
Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E tlhagisa ditlhagiso tsa botlhokwa ka ga
boeteledipele.
ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang:
1. Sobokanya o dirisa mafoko a gago, mme o sa latlhe bokao jwa temana, ka go
tlhagisa dintlha di le SUPA ka ga mokgwa wa go etelela pele.
2. Kwala ka temana.
3. Boleele bo se fete mafoko a a 90.
4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo.
5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo.

DITLHAGISO TSA BOTLHOKWA KA GA BOETELEDIPELE

Batho ka bontsi ba lebelela boetapele le boeteledipele e le marefosi, mme tota mareo a a


farologane. Go tlhomamisa se o tshwanetse go itse gore a o bona setlhopha sa gago sa tiro e
le batho ba ba gakatsang seemo, mme o patelesega go ba itshokela gore o fitlhelele maikaelelo
le ditiro tsa letsatsi le letsatsi. A kampo o itumelela go dira le setlhopha sa gago go fitlhelela
maikaelelo a gago.

Go le gantsi setlhopha se se ntshang dipholo tse dintle go gaisa ke se se kaelwang. Baetapele


ba ba batla go laola tiragatso nngwe le nngwe ka dinako tsotlhe fa baeteledipele ba itse gore
setlhopha sa bona se tlhoka kaelo le tshegetso ka jalo ba tlhoma letlhomeso la tiro ba be ba
natlafatsa ditlhopha gore tiro e dirwe. Ba kaela setlhopha go feta go se laola. Baetapele ba
tatalala mo mokgweng o ba batlang dilo di dirwa ka ona, mme baeteledipele bona ba
tlhaloganya boleng jwa batho ba bona, mme ba fetole mokgwa wa bona wa go dira fa go
tlhokega.
Baetapele ba tsaya tlotlomatso fa ditlhopa di dirile sentle, mme ba nne ba ntlha go ba
kgobotletsa fa tiro e sa dirwa jaaka go solofetswe. Baeteledipele ba itse sentle gore katlego ya
bona e tswa mo matsapeng a setlhopha. Ba baya mo pepeneneng matsapa a ditlhopha tsa
bona, mme ba rwale maikarabelo otlhe fa go retetse. Baetapele ga ba tshepe ope go dira tiro
ka botlalo fa baeteledipele ba naya ditlhopha tiro yotlhe, mme bona ba ete ba e tlhola fela go
bona gore ba santse ba le mo temeng.

Motho yo o etelelang batho pele o tshwanetse go itumelela go dira le batho, go ba thusa le go


ba bona ba atlega. Baetapele ba efoga go lekeletsa fa baeteledipele ba sa tshabe go tsena mo
kotsing ka go rotloetsa ditlhopha go nna le boitlhamedi, mme ba lebelela phoso jaaka tšhono
ya go tokafatsa. Baetapele ba rotloetsa ka ntlha ya poifo fa baeteledipele ba rotloetsa ka go
tlhotlhomisa gore ke eng se se ka tlodisang setlhopha ditlhase. Ba rotloetsa le go keteka
katlego e kgolo le e potlana.
[E rulagantswe sešwa go tswa go, City Press, 10 Motsheganong 2015]

4
POTSO 2: TSHOBOKANYO

Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E tlhagisa dintlha ka ga maitsholo a badiredipuso.

ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang:

1. Sobokanya o dirisa mafoko a gago, mme o se latlhe bokao jwa temana. Ka go


tlhagisa dintlha di le SUPA ka ga kaedi ya maitsholo a badiredipuso.
2. Kwala ka temana.
3. Boleele bo se fete mafoko a a 90.
4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo
5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo.

KAEDI YA MAITSHOLO A BADIREDIPUSO


Badiredipuso ke bathapiwa ba puso bao go wa le go tsoga ga bona e leng go direla
setšhaba. Badiredipuso ba na le melawana e ba tshwanetseng go itshola ka yona mo
bodireding jwa bona gore mo pusong go se nne kwa ga Mmegaampone. Kaedi e ya
maitsholo, e dirisiwa go kaela badiri ka se se solofetsweng mo go bona mabapi le maitsholo
a mantle; e ka nna mo bojosing jwa bona kgotsa mo botsalanong le ba bangwe.

Melawana e ya maitsholo e rotloetsa bodiredi jo bo tlhwatlhwagodimo gape e thusa ka


netefatso ya go itshepa mo badiredipusong. Go solofetswe gore badiredipuso le
bakhuduthamaga ba kgotlapeomolao ba itshole ka mokgwa mongwe o o tlhaolegileng.
Badiredipuso ba dirisana ka sebona gape ba dirisana le setšhaba.

Bodiredi le botsalano jwa badiredipuso bo beilwe leitlho le lentshotsho le go atlholwa ke


bathapi le setšhaba. Ba tshwanetse go dirisana ka botlalo go atolosa dikgatlhego tsa
setšhaba. Ka tsamaiso ya ditheo ga go na setheo se se nang molaodi. Badiredipuso le
bona ba na le batho bao ba ba tlhaoletsweng go ba tsamaisa mme ba tshwanetse go
diragatsa ditaelo tse ba di neilweng ka fa molaong e bile di sa thulane le Molaotheo ka
gope.

Ga go modiri ope yo o nang le tetla ya go dirisa thata ya gagwe go tlhotlheletsa badiri ba


bangwe kana go ba gatelela ka mokgwa mongwe. Ga go mokgoro o o sa neleng, ka jalo
badiredipuso ba na le tshono ya go tlhagisa dilelo tsa bona ka tsela e e maleba le kwa
kemeding e e maleba. Ba ineele go godisa, go rotloetsa badiri – ka – bona le go nna le
botsalano jo bo se nang selabe. Ba iphape mo ditirong tsa mekgatlho ya sepolotiki ka nako
ya tiro le kwa tirong. Ba dirisane le ba bangwe ntle le kgobelelo. Ngwana yo o sa utlweng
molao wa batsadi o tlaa utlwa wa manong.
[E fetoletswe go tswa go Newsletter dig & hs]

5
THUTISO 4: LETLHALOSI, LERUI LE LESUPI

Buisa temana e e atelang mme o arabe dipotso.

1 Go ne go setse diura tse pedi gore moletlo wa ga Modisaotsile o simolole.


Batlamoletlong ba ne ba apere diaparo tse dintle mme e bile ba lebega. Bangwe
ba ne ba apere mesese ya Setswana bangwe ba apere ya seZulu fa bangwe ba
apere ya merafe e mengwe ya Aforika. Go ne go bonala fa Modisaotsile e le
motho wa batho. Go ne go le basetsana ba babedi ba basesane e bile ba katogile 5
monyo gaufi le lebati la tente ba ba neng ba lebega ba sa amogela dintlha tsa
moletlo jaaka ba bangwe. Ba ne ba imapotse ka marokgwe a dibokate le
dikipanyana tsa setlhopha sa kgwele ya dinao.

2 Go ne go na le dijo tsa mefutafuta. Dingwe tsa tsona di ne di jewa ke bagolo fela


mo dingwageng tsele tsa maloba. Ka nako eo bojalwa jwa Setswana bo ne bo sa 10
nowe ke bodišaše gongwe bosegatamarokgwana. Gompieno dinako di fetogile.
Go ntse jang? Mebila ya rona e nyeuma ka thaka e tshesane e e gakaletseng go
itlhadia ka nnotagi. Ba kgona le go itshiela nnotagi fa pele ga bagolo ba bona.

Batswana ba gaetsho ba ne ba tlhometse ka diaparo tsa bona tsa Setswana e


3 bile go talafetse kwa ba neng ba ba dutse gona. Ditafole di ne di kgabisitswe ka 15
matsela a masweu. Go ne go na le dikopi tsa galase maswana a tshipi le dikotlolo
tsa legong mo ditafoleng. Batsadi ba ga Modisaotsile ba ne ba sa tswa go goroga
fa moletlo o tlaa simololwa ka thapelo. Go ne ga ema monna mongwe yo
mokhutshwane go tsamaisa tiro ka ona motsotso oo.
20

1.1 Nopola letlhaodi go tswa mo mola 1 mme o le dirise jaaka tlhalosi ya sediriswa (2)
1.2 Nopola maina a a dirisitsweng jaaka thui go tswa mo temaneng ya ntlha. (11)
1.3 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng go nna ya tira. (mola 9) (2)
1.4 Bolela gore letlhalosi ‘maloba’ mo go mola 10 ke la mofuta ofe le gore le
dirisitswe jang? (2)
1.5 Leinatswako le le ntshofaditsweng mo go mola 11 le bopilwe ka dipopegopuo
dife? (2)
1.6 Nopola letlhaodi go tswa mo mola 12 o be o le dirise mo polelong jaaka sedirwa. (2)
1.7 Naya lelatodi la lefoko le le ntshofaditsweng mo mola 13. (1)
1.8 Naya mofuta wa leemedi le le tlhagelelang mo mola 14. (1)
1.9 Nopola lesupi go tswa mo moleng wa 20 o bo o neele le maemo a lona. (2)
1.10 Nopola lebotsi go tswa mo temaneng ya bobedi. (1)
[26]

6
THUTISO 5: DIPOTSOKHUTSHWANE TSA LEBOKO

Buisa nopolo e e latelang mme o arabe dipotso.

LEFATSHE LA DIKHUDUEGO – Moses Tebogo Molefe Seate

1 Bonang! Molelo o a gaila botlhabatsatsi!


2 Motho ke yole o kgobotletswa ka maje!
3 Dikago tsa mmuso ke tsele di phutlhame!
4 Badiredipuso ke bale ba phatlhaletse!
5 Go rena loso le phurano ya meno,
6 Lefatshe je lentle le fetogile sekaka;
7 Le fetogile ‘fatshe ja dikhuduego.

8 Lefatshe la dikhuduego; ‘fatshe ja babolai,


9 Lefatshe la basenyi, fatshe ja magodu;
10 Lefatshe le tlhokang kagiso le boiketlo,
11 Le baagi ba teng e leng dirukhutlhi,
12 Le baagi ba teng e leng balotsana;
13 Le thopela batho ditsabone,
14 Le tletse ka tiriso-dikgoka.

15 Pelo ya me ga e mono bothubaking;


16 Pelo ya me ga e mono borukhutlhing,
17 Lefatshe lena le ntshwabisitse,
18 Le fuduakantse mowa wa me;
19 Le ripitlile isago ya setšhaba,
20 Ga go bophelo bakeng sa lona;
21 Le sianisa batho letšheetšhee.

22 A setlhogo se dirwang ke lena lefatshe!


23 Le isitse baitsheki ga maotwana hunyela;
24 Le tsholotse madi a batlhoka-molato;
25 Ammaaruri, ammaaruri, ammaaruri!
26 Lena lefatshe le lebanwe ke katlholo,
27 Le tlaa bona tshekiso e e bogalaka.

7
Dipotso

1.1 Naya thitokgang ya leboko le. (2)


1.2 Bolela sekapuo se se mo mola 5 le mosola wa sona. (2)
1.3 Faa ponagalo- ya poko e e mo mola 7 le mosola wa yona. (2)
1.4 Faa ponagalo ya poko e e mo meleng 15 le 16, o bo bolele gore o e bone
jang. Neela le mosola wa yona. (3)
1.5 Tlhalosa bokao jwa mola 23 jaaka o dirisitswe mo lebokong. (2)
1.6 Nopola mola o o supang fa dintwa di tseela batho ditsabone ka dikgoka. (2)
1.7 Maikaelelo a mmoki a go dirisa lefoko ‘ammaaruri’ gararo mo mola 25 ke afe? (2)
1.8 Leboko le le nnile le thotloetso efe mo go wena? (2)
[17]

THUTISO 6: LETLHALOSI, LETLHOPHI LE MAKAELAGONGWE

Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

1 'Nko e e sa dupeng, ruri! Ga twe e re o bona di ja maaparankwe ...' A bua a gopotse


monna mongwe wa kgosing, yo basimane ba, ba setseng ba kile ba mo tswatswaila
gore a ye go ba bontsha tshipi e a neng a atisitse go tshwara dinkwe ka yona. Go se
monate. Mpolokeng a bo a gopola letsatsi le a kileng a bapolwa ke banna ba lekgotla
a bolaelwa lesidi, go twe o itirile kgosi ya Motsana, e tswa kgosi e ntse e le teng. 5
Le lona letsatsi leo fa a re o a le gopola, peipi ga e tswe mo ganong. E gogiwa
2 phetelela. A sa fetse go khutsa ka go tlhoka malebogo ga motho o sena go mo
tshedisa noka e tletse. E ne e rile mo mosong oo, go be go leba yo o sebete fela. A
ikadimilwe ke motho.
'Mo patsoleng! Ka re mo patsoleng!' Kgosi e gagasela, morago ga gore a utlwele
gore Mpolokeng o lole le Raditsia kwa dikampeng, ba lwela mafulo a dikgomo. 10
3 Raditsia wa nta ya selomelakobong, ya re go tshaba Mpolokeng, a ya go itelela kwa
kgosing. A tlatsa ka maaka gore kgosi e tlole ditlhase, gonne le yona e ne e sa rate
Mpolokeng sentle. 'Ke mmetse di le kae, mong wa me?' Ga botsa
Ramakgomane.'
[Moapayabodila, OK Bogatsu] 15

Dipotso;

1.1 Nopola leitiri le le dirisitsweng mo mola 5. (1)


1.2 Leinatswako 'maaparankwe' le bopilwe ka dipopegopuo/dikarolopuo dife? (2)
1.3 Kwalolola polelo e e latelang, mme o dirise lekaelagongwe la lefoko le le
thaletsweng.
'a bapolwa ke banna ba lekgotla a bolaelwa lesidi' (Mola 5) (1)
1.4 Leemedi 'lona' mo moleng 6, le tlhagelela fa pele ga leina. Mosola wa tiriso e ke
eng? (1)

8
1.5 Nopola lesupi le le mo mola 6 mme o bolele maemo a lona. (2)
1.6 Leina ‘dikgomo’ mo mola 11 le dirisitswe jang? (1)
1.7 Fetolela polelo e e thaletsweng mo tumelong. (2)

1.8 Leemedi 'yona' mo mola 13 le dirisitswe jang? (1)


1.9 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng mo mola 14 mo puopegelong. (2)
1.10 Dirisa lefoko 'noka' mo polelong go bontsha bokao jo bo farologaneng le jo bo
mo setlhangweng. (Mola 8) (2)
1.11 Bolela mofuta wa ditlhalosi tse di ntshofaditsweng mo meleng ya 6 le 8. (2)

1.12 Naya makaelagongwe a mafoko a:


a) Atisitse (mola 3)
b) Tshedisa (mola 9) (2)
[19]

BEKE 4 LE 5
THUTISO 7: LENTSWE LA MOIPOLAI-Freddie Samuelson Khunou.

1 Atamelang Bakgatla ke lo laeleng.


2 Lo tle lo se ka lwa sala lo makala,
3 Lo tle lo se bofeng ba ba madi a botlhofo
4 Ke mo tseleng ke a tsamaya,
5 Ke makgabe a dipapetla ke sila ke tlhatlegile.
6 E rile ke sa le mmotlana,
7 Ka be ke ipela ka tsa botshelo,
8 Ka ge rre le mme ba ne ba njesa
9 Monongwaga ke lo raya ke re,
10 Nna ka tsa lefatshe le ke lapile.

11 Ke noga e a lama,
12 Batho meriting ba nwa megodungwana ka nna,
13 Le bomatlhogole ba setse ba e hupa ka nna,
14 Ke gotlhiwa tlhogong ka sebabetsane ke a babiwa,
15 Ke a lo sia lo tla mphitlhela

16 Rayang Ramokonopi a mpateng,


17 A mpateng fa pele ga sentlhaga sa me,
18 Bakgatla ntlhokomeleleng dinku tsa me,
19 Ke tshwanetse go thulana le lona,
20 Ke tsa ga Ramapopotane setlogolo sa Mokwena

21 Lefatsheng gompieno ga go na kagiso,


22 Go rena tsona ditshele le dikgotlhang,

9
23 Rona banyadiwa re a gatelelwa,
24 Baitse ba dilo feelang lefatshe le phepafale,
25 Bagologolo ba re ga le feelwe le nna fela jalo.

26 Lefatshe wee, a ka se tlhole o ntshwere,


27 Ga o tlhole o ikgatlha ka nna,
28 Le ka leitlho a ka se tlhole a mpona,
29 Ntelekile nageng tsa gago,
30 Wa etsa motsomi a leleka sebatana.
31 Fa re ka bo re se dimaumau,
32
Re lemoga puo jaaka barebolai,
33
34 Re ka bo re leba kwa mapodising,
35 Mapodising a rona kwa Mogwase,
36 Re ba itsise gore naga e, re phageletswe.

Buisa nopolo e e latelang mme o arabe dipotso.

DIPOTSO

1.1 Maikutlo a mmoki ke afe mo lebokong le? (2)


1.2. Bolela mofuta wa leboko le. (1)
1.3 Bolela diponagalo tsa poko tse di tlhagelelang mo meleng e e latelang, bolela
gore o di bone jang le mesola ya tsona:
a) Mola 2 le 3. (3)
b) Mola 16 le 17. (3)
1.4 Neela sekapuo se se tlhagelelang mo mola 12 le mosola wa sona. (2)
1.5 Tlhalosa bokao jwa mola 5 jaaka bo dirisitswe mo lebokong. (2)
1.6 Tlhagisa kgankgolo ya leboko le. (2)
1.7 O ikungwetse molaetsa ofe go tswa mo lebokong le? (2)
1.8 O ne o ka dirang fa o ne o na le tsala mme e na le mogopolo o o tshwanang le
wa mmoki wa go ipolaya? (2)
[19]

10
THUTISO 8: MEDIRISO YA LEDIRI, MAETSI LE MALATLHELWA

Buisa temana e e latelang mme o arabe dipotso.

1 Motswagauteng o ne a ka rutega. A ikwadisa kwa sekolong sa bosigo. A


simolola go tsena sekolo maitseboa. Motshegare a tlhole a ikgobokanyetsa
madi. O ne a tle a robale mo lefelong la go baakanya meriri. Mong wa lona
a mo kopile gore a le dise ka mmele gore e seka dirukutlhi tsa direla
botlhokotsebe gona. Moeka o ne a tumile thata ka leina la gagwe la kgwele 5
ya maoto le a tumileng ka lona kwa Motsitlane.

2 Owaai! E re ka ngwaga e le legonnyana, moeka a kgona go fetsa le go


falola lekwalo la borobedi ka dinaledi. Ga utlwala gaufi le kgakala gore
go na le mosimane yo o dirang diaba kwa sekolong sa Mooketsi. Ijo! Ke
mang yo a neng a ka solofela gore mosimane wa mebila a ka dira go tlala 10
seatla jaana? Mogokgo a kopa gore a direlwe moletlo wa kakgolo gonne e
le mosimane wa moithui fela a gaisitse ba ba nang le magae le bagodi ba
nang le metse.

3 E rile fa letsatsi la moletlo le fitlha, Motswagauteng a kopa Sepoko go ya go


mo emela gore a mo tseele sekgele. Banna! Batho ba ne ba tlile ka 15
makatlanamane go rile thi!. E rile fa dibui tsotlhe tse di mo lenaneong di
fetsa go akgola Motswagauteng le go mo rotloetsa, Mogokgo a ntsha
sekgele le madi a le mo enfelopong. Go ne ga utlwala gwaa! Ao! Batho ba
ne ba gakgamala go ema Sepoko boemong jwa ga Motswagauteng.
E nopotswe go tswa go Leba Seipone;Kabelo Kgatea]
Dipotso:

1.1 Bolela gore leina ‘mmele’ le dirisitswe jang mo mola 4. (1)


1.2 Bolela gore lefoko ‘kgakala’ (mola 8) ke karolopuo efe o bo o le dirise jaaka
tlhalosi ya felo. (2)
1.3 Bolela modiriso wa lediri mo dipolelong tse di thaletsweng tse:
a) Mola 1
b) Mola 3
c) Mola 14 le 15 (3)
1.4 Nopola malatlhelwa a le mararo (3) go tswa mo temaneng. (3)
1.5 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng mo meleng ya 7 le 8 mo kganetsong. (2)
1.6 Dirisa lefoko le le ntshofaditsweng mo mola 10 mo polelong e o
itlhametseng ka bokao jo bo farologaneng le jwa temana. (2)
1.7 Bopa ledirani ka lediri le le ntshofaditsweng mo mola 17. (1)
1.8 Kgaoganya maina a a ntshofaditsweng mo mola1 le 16 ka dikarolopuo tse
di a bopileng. (4)
1.9 Nopola maetsi a le mabedi go tswa mo temaneng. (2)
1.10 Dirisa lediri ‘dira’ (mola 10) go bopa mainamatswa a le mabedi o bo o (4)
neele le bontsi jwa ona. [24]

11
THUTISO 9:PEGELO E E TLHOMAMENG

Gakologelwa
Sekao sa pegelo e e tlhomameng ya kotsi
Tshedimosetso e e tshwanetseng go tsenngwa mo pegelong ya kotsi:
- Pegelo e ke sekwalwa sa botlhokwa thata mo setheong.
- E tladiwa ka gale ke leloko le le nang le maikarabelo ao mo tirong morago ga kotsi e sa
tswa go diragala.
- E tshwanetse go tladiwa ka botlalo le ka nepagalo gonne e tlhokega ka metlha mo
mabakeng a inšorense
- dintlha tsotlhe tsa botlhokwa tsa mokwadi.

Kwala pegelo ka ga dipatlisiso ka nngwe ya ditlhogo tse di latelang. Gakologelwa go


tlhagisa diphitlhelelole dikatlenegiso.

1. Kemedi ya barutwana mo lekgotlatsamaisong la sekolo, o kopilwe ke mogokgo [25]


go dira dipatlisiso ka kwelotlase ya dipholo tsa sekolo sa gago tsa ngogola.
Kwala pegelo.
2. Barutwana ba Marematlou ba ne ba etetse kwa ntlolehalahala ya Mmabatho go
bogela tiragatso ya Padi (Ntlhomole Mmutlwa)le Terama (Ga se lorato). Kwala [25]
pegelo e o tlaa e tlhagisang kwa go mogokgo mabapi le loeto lo.

THUTISO 10

POTSO YA TLHAMO YA PADI

Lerato la nnete e ka ne e le la bakapelo, lesika kgotsa setšhaba.Ga le patike, mme


ke la maikutlo.Tsegetsa tshegetso e, o ikaegile ka ditiragalo tsa padi. Boleele jwa
tlhamo ya gago e nne mafoko a a ka nnang 400-450. [25]

12
THUTISO 11: DiPOTSOKHUTSHWANE TSA MABOKO

POTSO 1: LEBOKO LA MOTSE WA MOGWASE - Khunou FS

Buisa leboko le le fa tlase mme morago o arabe dipotso.

LEBOKO LA MOTSE WA MOGWASE - Khunou FS

1 Bagolo ba re ga se motse ke lekeišene,


2 Bontle ga re bue, re didimala fela,
3 Re bonya fela ka leitlho,
4 Re be re sale re itshware melomo
5 Re sale re keleka re iketsa re bokelekane.

6 Ga ke rate go balabala thata,


7 Ke rata fela go latlhela tlhware legonana,
8 Ka terotswana e ya Mogwase e,
9 Ka ke se na bopaki jo bo tlalang diatla,
10 Ke tshwere fela mo go gatlhang pitsa.

11 O itshwapile gaufi le dithaba tsa Bakgatla,


12 Bakgatla ba ga kgosi Pilane,
13 Fa o batla go akofa bontle ba ona,
14 O jele nala mo phakeleng,
15 Fa o gasakwa ke marang a letsatsi.

16 Bangwe ba re ga se motse ke teropo,


17 Nnake o setse a gana go sala
18 Tse dikhunou morago,
19 O mpolelela gore ena o ya Mogwase,
20 O lapile ka go tlalatlala le dikgwa.

21 Tshetsana le tshimane ya Moruleng,


22 E nna fela kwa teng,
23 O tla fitlhela fa ba fologa kgomo e ntsho,
24 Ba e gata ba gatoga bana ba Bakgatla,
25 Batsadi ba ba latlhela bofofu fela maitsiboa.

26 Bathong! Naga ena e a makatsa,


27 Tota o ka se tlhaloganye sentle,
28 Nako e nngwe o ka dumela
29 Ba ba reng ga se motse ke teropo,
30 Ke naga ya matlo a magolo.

13
31 Ke naga ya batho le dikolo,
32 Naga ya medumo le medungwana,
33 Naga ya diintaseteri le molao,
34 Naga e e se nang selabe,
35 Naga e phepa le dikago tsa yona.

36 Heelang! Fa nka be ke itse go kwala,


37 Nka be ke kwala setlankana,
38 Ke se romela kwa mosate Mmabatho,
39 Mme ke konope rre Motsatsika dipotso,
40 Ke mmotse ka botlalo ka ga naga e.

DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE


1.1 Naya morero wa leboko le le fa isong. (2)
1.2 Mmoki o tlhagisa maikutlo afe mo lebokong le? (2)
1.3 Tlhalosa bokao jwa mola 2 jaaka o dirisitswe mo lebokong. (2)
1.4 Neela ponagalo ya poko e e tlhagelelang mo meleng ya 11 le 12 le mosola
yona. (2)
1.5 Naya ponagalo ya poko e e tlhagelelang mo mola 6 le mosola wa yona. (2)
1.6 Naya ponagalo ya poko e e mo meleng 32 -35 le mosola wa yona. (2)
1.7 Leboko le, le nnile le tshusometso efe mo go wena (2)
1.8 O ithutile eng go tswa mo lebokong le? (2)
[16]

POTSO 2: LEBOKO LA BOTSOFE - Raditladi LD


Buisa leboko le le fa tlase mme morago o arabe dipotso.

BOTSOFE - Raditladi LD

1 Ditikanyi tsa koko la bannana,


2 Thaka tsa morwakgosikgolo re ile,
3 Re dirile maseleng fela re tshipile,
4 Re le bontshe nkoo re le batubanyana,
5 Nkile ra nna bakgodisi ba mekgosana,
6 Bakgaodi ba mekgosi ba re tsholele.
7 Re tsholelwa fa motho re mo tlhabile,
8 Ntwa e utlwalelwa ka matshwelelenyana,
9 Re bannana bagolo, re ole sebarong,
10 Fa re tsoga jaanong re kuakua mekgosi,
11 Thobane kima re lese mabogong,
12 Mangole a rona a setse a ipaa bosisi,
13 Meriri ya rona e mesweu mo ditlhogong,
14 E mesweunyana jaaka bosweu jwa maswi.

14
2.1 Naya mofuta wa leboko le le fa godimo? (2)
2.2 Naya thitokgang ya leboko le le fa isong (2)
2.3 Neela ponagalo ya poko e e tlhagelelang mo moleng 2 le mosola wa yona. (2)

2.4 Tlhagisa ponagalo e e tlhagelelang mo mola 10 le mosola wa yona. (2)


2.5 Tlhalosa mola 12 jaaka o dirisitswe mo lebokong. (2)
2.6 Tlhagisa sekapuo se se mo moleng wa bo 14 le mosola wa sona. (2)
2.7 O ithutile eng go tswa mo lebokong le? (2)
[14]

THUTISO 12: POLELONOLO, POLELOTSWAKO LE POLELOPATE

Buisa temana e e latelang e, mme o arabe dipotso.

Basimane ba ne ba se ka ba lala ba robetse mo bosigong joo. Dikgomo tsa kgosi


tse di neng di fula mo merakeng e e kwa Kanye, di ne tsa tlhaselwa ke ditau. Fa
letlatlana le tsena ke fa modumo wa ditau o utlwala kwa teng. Badisa ba ne ba
simolola go tlhobaela ka ba ne ba itse gore ditau di ka bothologa kwa di
robalang teng mme tsa lala di ba tlhasetse mmogo le dikgomo tsa bona. 5

Lesaka le dikgomo di robalang mo go lona, le ne le agilwe ka matlhaku a a thata. Go


tloga fa e sale ba utlwa go kiritla ga ditau, badisa ba ne ba simolola go rwalela
dikgong. Fa Kopadilalelo e tla go phirima ke fa badisa ba kgobokantse dingatangata
tsa dikgong. Badisa ba ne ba gotsa molelo go potologa lesaka la dikgomo.

1.1 Lokolola dipolelo tse di ntshofaditsweng mo temaneng o bo o bolele mefuta ya


tsona.
(a) Mela 1 le 2 (6)
(b) Mela 3, 4 le 5. (8)
(c) Mola 9 (4)
1.2 Nopola polelwanakutu go tswa mo polelong e e thaletsweng. (2)
1.3 Lokolola polelonolo e e fa tlase:
Badisa ba ne ba gotsa molelo mo lesakeng la dikgomo. (10)
1.4 Kopanya dipolelwanakutu tse ka lekopanyi.
Ba mpoleletse. Ke ne ka lebala. (1)
[31]

15
THUTISO 13: PUO E E KWALWANG

Go tshela botshelo jo bo itekanetseng ke sengwe se se botlhokwa. Kwala Puo e o tlaa


neelanang ka yona kwa pitsong ya baagi go ba tsibosa ka botshelo jo bo itekanetseng.
Golaganya dikakanyo tsa gago le setshwantsho se. Karabo e nne boleele jwa mafoko a
a ka nnang 180–200 (diteng fela). O gakololwa go runa le go tlhotlha setlhangwa sa gago
diphoso. [25]

TIRWANA 14: POTSO YA TLHAMO

NTLHOMOLE MMUTLWA – Lobelo OM

Mo tshimologong re itemogela seane sa ‘Nama ya kgapeletsa e thuba pitsa’, tshegetsa


tlhagiso e o ikaegile ka ditiragalo tsa padi mme o totile moanelwamogolo Matsetseleko le
rraagwe e bong Kgori. Boleele jwa tlhamo ya gago e nne mafoko a a ka nnang 400-450. [25]

16
THUTISO 15: PUOPEGELO LE PUOSEBUI

Buisa temana e e latelang mme morago o arabe dipotso.

Baile e ne e le ntšwa e ntsho. Mosadimogolo o ne a re ga a rate ntšwa e. Tlhogo ya yona e


kgolo e ne e mmoifisa. Baagisane ba ne ba boifa ntšwa e. Bana, ba ne ka gale ba gana
go romiwa kwa go mosadimogolo ka gore ba ne ba tshaba ntšwa. Mong wa ntšwa Thabo, e
bong setlogolo se se esi sa mosadimogolo, o ne a itlhalositse makgetlho a le mmalwa. Thabo
a re “Koko fa o sa amogele ntšwa ya me nka mpa bogolo ka boela gae ka kagiso.” 5

Letsatsi le mosadimogolo a batlileng go bolaiwa ke pelo, ke fa a tswa go gola. O ne a


fapogela kwa marekelong, mme a reka nama go tlosa pelo go botologa. E rile a ntse a
segelela nama a utlwa Baile a bogola kwa kgorong. Baile o ne a sianela gape kwa kgorong
go bogola. Mosadimogolo o ne a itshema Baile a bogola moeng. Go sa itse! O ne a tlogela
nama, go ya go thusa moeng. Fa a goroga kwa kgorong a fitlhlela Baile a bogola legata la 10
sebodu sa tonki e e sa bolong go swa. A gakologelwa nama ya gagwe.
[E nopotswe go tswa go Tlhaeletsano]

DIPOTSO

1.1 Nopola letlhaodi mo polelong e e thaletsweng. (1)


1.2 Dirisa leemedi ‘Nna’ mo polelong jaaka tlhalosi ya kopanelo. (2)
1.3 Bolela gore dipolelo tse di latelang a ke Puosebui kgotsa Puopegelo.
(a) Thabo a re, “Koko fa o sa amogele ntšwa ya me nka mpa bogolo ka boela gae.” (1)
(b) Mosadimogolo o ne a re ga a rate ntšwa e. (1)
(c) “Go tloga gompieno metsamao le ditirelo dingwe di a ilediwa go fokotsa kanamo
ya khorona.”Moporesidente a itsise baagi’ (1)
(d) Barutwana ba ikuetse go Tona gore ba batla go boela sekolong e bile ba tshepisa
go nna le maikarabelo. (1)
(e) “Mosadimogolo, o tshaba ntšwa efe?” ga botsa mosimane. (1)
1.4 Fetolela polelo e e latelang go nna puopegelo
“Boitumelo bo ya go aparela setlhopha sa ga rre Sekere, monongwaga.”
Go bua motshameki. (2)
1.5 Leinatswako ‘Mosadimogolo’ le bopilwe ka dikarolopuo dife? (2)
1.6 Fetolela dipolelo tse di latelang go puosebui
(a) Serati o botsa gore ke mang a tsereng madi a gagwe. (2)
(b) Morutabana o ne a laela morutwana gore a tloge fa pele ga gagwe mme a kwale
thutiso (2)
[16]

17
THUTISO 16: DIPOPEGOPUO TSE DI RUTILWENG

POTSO 1: TEMANA 1

Buisa nopolo e e latelang morago o arabe dipotso

Ka Modimo ga o je nkabo, go ne go le mosetsana mongwe a dira mophato wa


marematlou kwa sekolong se segolo sa G.S Phoi kwa motsaneng wa Madibogo-Pan,
o o itsegeng jaaka motse wa batho ba ba sa itsholelang sentle ka ntlha ya dikgwetlho
tsa botshelo. Dikolo tsa teng di itemogela bokoa jo bo tseneletseng jwa thekenoloji.

Go ne go lebega sentle fa ena mosetsana yo a le bokoa mo dithutong e bile a ikobonya 5


mo go feteletseng. Go ne go itsege fa basari e tlaa duelela moithuti yo o falotseng
marematlou kwa dithutong tse dikgolwane gore a kgone go tsweletsa dithuto tsa
gagwe. Ka jalo, baithuti ka ena ba ne ba mo ja ditshego ka gonne ba ne ba itse fa a
palelwa.

Ke mang yo a neng a lebeletse fa mosetsana a ka falola mophato o? Mosetsana a re 10


poo! fa fatshe ke Boitumelo. O ne a sa dumele gore o na le bokgoni jwa go ka falola
mophato wa Marematlou ka dinaledi di le nne. O ne a amogelwa kwa dithutong tse
dikgolwane mme botlhe ba sala ba akabetse.

1.1 Tlhalosa lereo le ‘’Modimo ga o je nkabo’’. (2)


1.2 Ke paka efe e e dirisitsweng mo polelong e e mo mola 5? (1)
1.3 Neela mofuta wa tlhalosi e e thaletsweng mo mola 4 o bo e dirise mo polelong
e e tlhabosang. (2)
1.4 Tlhalosa gore lefoko le le ntshofaditsweng mo mola 12 le dirisitswe jang. (1)
1.5 Nopola leitiri mo mola 5 o be o le dirise mo polelong. (2)
1.6 Fetolela polelo e e thaletsweng mo mola 4 go nna mo kganetsong. (2)
1.7 Nopola letlhophi mo temaneng ya boraro o bo o neele mofuta wa lona. (2)
1.8 Neela lelatodi la lefoko ‘ditshego’. (1)
1.9 Tlhalosa gore leemedi ‘’ena’’ mo mola 5 le dirisitswe jang. (1)
1.10 Nopola lerui mo temana 2 o bo o le dirise mo polelong e o itlhametseng yona. (2)
1.11 Leina ‘’Marematlou’’ le bopilwe ka dipopegopuo dife? (2)
1.12 Nopola lelatlhelwa go tswa mo temaneng ya boraro o be o le dirise mo
polelong go bontsha bokao jo bo farologaneng le jo bo mo temaneng (2)
[20]

18
POTSO 2: TEMANA 2

Buisa nopolo e e latelang morago o arabe dipotso

Batho go ikaketsa. Legodimo la pekema lesedi la legadima je le go tsenelelang le o


tswetse matlho gare ga dikatana, o tlhatlagantse go le gontsintsi. Gona fa e thuntsha
'ditlelabore', mongwe le mongwe o ne a dumela gore ruri e rathile godimo ga ntlo
e o robetseng mo go yona.

Ebu, go gola go tlhogola, go bona dilo ga go fele. Ga twe Kesentseng fa a fitlha gae, 5
pelo ya gagwe ya bo e eme kgokgotsong, ga se nnete. Ga a utlwa Gaolekwe sentle.
'Le ka se go tlhabele.' Ga a ise a ba a bue jalo!

A tlhamalalela kwa thutsaneng e batsadi ba gagwe ba robalang mo go yona. Ga go ka


mokgwa o mongwe; ba tshwanetse go itse. A kokota. Ga go molato, le fa ba setse ba
robetse. 'Kesentseng, a ke go utlwa sentle? A o raya gore o totile a rialo?' 10
rraKesentseng a botsa potso e e arabilweng.

Morwa le ena – a go tshoga kgotsa go tlalalana mafatlha – a tswela pele ka kgang e


kete ga a utlwa potso ya ga rraagwe. Batho ba le bantsi ba ne ba le teng, ba reeditse.
Tshwaalefe a retelelwa ke go hupa matlhatsa ... A batla a bolawa ke motho mo go
maswe. 15
[Ke a go bolelela, BDM Magoleng]

2.1 Naya lekaelagongwe la lefoko 'dikatana'. (mola 2) (1)


2.2 Leemedi 'ena' mola 12 le dirisitswe jang mo temaneng? (1)
2.3 Lefoko le, 'Ebu!' ke lelatlhelwa mme le kaya go dumelana. (mola 5)
Dirisa lelatlhelwa 'Heela!', mo polelong go senola bokao jwa lona. (2)
2.4 Nopola polelwanakalaina go tswa mo polelopateng e e ntshofaditsweng mo
temaneng. (mela 3 le 4) (1)
2.5 Fetolela polelo e e latelang go nna tira.
A batla a bolawa ke motho mo go maswe. (mela 14 le 15) (2)
2.6 Kwalolola polelo e e latelang mme o thalele thuanyisediri mo go yona.
'Batho ba le bantsi ba ne ba le teng, ba reeditse (1)
2.7 Fetolela polelo e e thaletsweng mo puopegelong. (mola 10 le 11) (2)
2.8 Dirisa lefoko 'totile' mo polelong ka bokao jo bo farologaneng le jo bo mo
temaneng. (mola 10) (2)
[12]

19
KAEDI YA GO TSHWAYA THUTISO YA 1: TLHAMO YA
NGANGISANO

1 Go tlaa dirisiwa Ruboriki go tshwaya tlhamo.


2 Go lebelelwe dintlha tsa botlhokwa tse di solofetsweng go tswa mo
barutwaneng ka ga setlhogo se se neilweng.
3 Maduo a tlaa abiwa ka mokgwa o go ya ka ruboriki
o IPAAKANYO = 5
o DITENG = 25
o PUO/SETAELE LE TSELEGANYO = 15 (50)
o KAGEGO = 5

Dintlha tse di latelang di tshwanetse go elwa tlhoko fa go tshwaiwa tlhamo ya


ngangisano:

• Motlhatlhojwa a simolole ka go tlhagisa ntlhakemo ya gagwe go bontsha boitshimololedi.

• A neye mefutafuta ya dingangisano go tshegetsa ntlhakemo ya gagwe, mme a tlhalose se.

• Tlhamo e tlhagise letlhakore le le lengwe, mme dikakanyo di tlhagisiwe ka kgatelelo ekgolo.


Go dirisiwe mefuta e e farologaneng ya didiriswa tsa puo le dithekeniki tsa tirisopuo.

• Puo e dirisiwe ka maikutlo, mme motlhatlhojwa a se ka a tlhoka maitseo.


• Bokhutlo bo tshwanetse go tlhagisa kakanyo e e tlhomameng, e e tlhaloganyegang e bile e
pateletsa mmuisi go dumelana le tse di tlhagisitsweng.
• Tlhamo ya mofuta o e kwalwe ka pakajaanong.
Se se lebeletsweng mo batlhatlhojweng:
• A kwale ka ga setlhogo se a itlhophetseng sona.
• A tlhalose setlhogo le tlhagiso ya ntlhakemo ya gagwe, a e dibele ka bosupi jo bo rileng.
• A tlhagise dintlha tsa ngangisano tse di tshegetsang ntlhakemo ya gagwe.
• Kwa bokhutlong a tlhagise tshikinyo ya se se ka diriwang go tshegetsa ntlhakemo ya
gagwe. [50]

KAEDI YA GO TSHWAYA THUTISO YA 2:


LEBOKO: LOSO LWA GA RRE

POTSO 1: DIPOTSOKHUTSHWANE TSA LEBOKO

1.1 Kutlobotlhoko e e tlisiwang ke loso/ ditlamorago tsa loso. (2)

20
1.2 • Neeletsano. (
• Mafoko a a feleletsang mola wa ntlha ‘kwa dithabeng’ a simolola mola o
o latelang.
• Mosola wa yona ke go tsweletsa kakanyo mo moleng o o latelang. (3)
1.3 Mmoki o tlhalosa fa a ne a kopa thuso kwa Modimong yo o laolang dilo
tsolhe. 2)
(Dikarabo tsa barutwana tse di nepagetseng di elwe tlhoko.)
1.4 Tlogelo. Go oketsa lebelo la moribo le morethetho wa molatheto / go tlisa go
kibakibela ka bonako ga molatheto. (2)
1.5 Phefofatso - ke e lemogile ka go dirisitswe lefoko robetseng boemong jwa go
swa (2)
1.6 Mmoki o dirisitse sekapuo sa mothofatso gore a neye felo ga baswi tiro ya setho
ya go metsa go bontsha fa rraagwe a tlhokafetse e bile ba ka se tlhole ba
mmone gape. (2)
1.7 Ke maikutlo a kutlobotlhoko ka jaana a tlhokafaletswe ke motsadi yo a neng
a mo rata (2)
1.8 Ke ungwile molaetsa wa gore loso lo na le ditlamorago tse di sa ittumediseng
mme re tshwanetse go gomotsega. (2)
(Dikarabo tsa barutwana tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) [16]
;

POTSO 2: TLHAMO YA LEBOKO

DINTLHA TSE DI SOLOFETSWENG MO TLHAMONG YA LEBOKO:

● Mmoki mo lebokong le o utlwile botlhoko e bile o re tlhagisetsa tsa morago ga loso lwa ga
rraagwe. Loso lo, le fa lo ne lo mo amile thata, o lemogile fa lo ne lo amile mmaagwe le
kgaitsadiaagwe go feta.
● Mmoki o bontsha a amogetse gore rraagwe o ba tlogetse e bile o gomotsegile. O
tshwenngwa ke ka moo mmaagwe le kgaitsadiaagwe ba amegileng ka teng. O lebelela kwa
legodimong go kopa Mmopi go ba gomotsa ka ba itima dijo, ba tsweletse go lela phetelela.
Kgato e, e bontsha fa mmoki a dumela gore le fa loso lo le botlhoko, go botlhokwa go
gomotsega le go amogela.
● Mmoki o bontsha a amogetse le go gomotsega le fa tota a le mo bolhokong ka a ile a lemosa
mmaagwe le kgaitsadiaagwe gore loso lo lo ne lo tshwanetse go diragala ka gonne re le
bafeti mo lefatsheng, loso ke tsela ya mongwe le mongwe mo botshelong.
● Mmoki o tlhagisa botlhokwa ba go amogela le go gomotsega mo kutlobotlhokong ka gonne
a dumela gore motho ga a swe o a ithobalela. O lemosa bagaabo gore rraabona ga a swa o
ithobaletse, o tlaa tsoga ka letsatsi le le tlaa goeletswang ke Morena la tsogo ya baswi.
● Go bontsha botlhokwa ba go amogela gore loso lo teng le go gomotsega, mmoki o
ikgomoditse ka gore rraagwe ga a latlhega, ba mmolokile. O konosetsa ka go bontsha fa a

21
amogetse le go gomotsega ka go eleletsa rraagwe gore a robale ka kagiso. A ikhutse, a
lebale tsa lefatshe le, di tlaa sala le bona.
● Mmoki ruri mo lebokong le o bontsha gore le fa loso lo ka re ama jang, re tshwanetse go
amogela le go gomotsega. Botshelo bo tshwanetse go tswelelela pele le fa re utlwile
botlhoko. [10]

KAEDI YA GO TSHWAYA THUTISO YA 3:


TSHOBOKANYO: POTSO 1 LE 2

POTSO 1: TSHOBOKANYO
• Kabo ya maduo a puo fa motlhatlhojwa a dirisitse mafoko a gagwe:
o Leduo le le 1 = Fa motlhatlhojwa a nepile dintlha di le 1–3
o Maduo a le 2 = Fa motlhatlhojwa a nepile dintlha di le 4–5
o Maduo a le 3 = Fa motlhatlhojwa a nepile dintlha di le 6–7

• Kabo ya maduo a puo fa motlhatlhojwa a nopotse:


o Leduo le le 1 = Fa motlhatlhojwa a nopotse dintlha di le 1–5.
o Lefela (0) = Fa motlhatlhojwa a nopotse dintlha di le 6–7.

Dinopolo Mafoko a a tshikintsweng


1 'Baeteledipele ba itse gore setlhopha sa bona Gakolola setlhopha, mme o se
se tlhoka kaelo.' ka wa se laola.
2 'Baeteledipele bona ba tlhaloganya boleng Tshepa badiri ba gago o ba letlelele
jwa batho ba bona, mme ba fetole mokgwa go ntsha bokgoni.
wa bona wa go dira fa go tlhokega.'
3 'Ba baya mo pepeneneg matsapa a ditlhopha Lemoga matsapa a badiri, mme o
tsa bona, mme ba rwale maikarabelo otlhe fa tseye maikarabelo a makoa.
go retetse.'
4 'Baeteledipele ba naya ditlhopha tiro yotlhe Letla badiri go ikakanyetsa le go dira
mme bona ba ete ba e tlhola fela go bona gore diphoso.
ba santse ba le mo temeng.'
5 'Motho yo o etelelang batho pele o tshwanetse Dirisana le batho sentle.
go itumelela go dira le batho, go ba thusa le go
ba bona ba atlega.'
6 Dirisana le batho sentle. Amogela mokgwa o batho ba dirang
tiro ka ona.
7 'Ba rotloetsa le go keteka katlego e kgolo le e Rotloetsa badiri mme o itumelele
potlana.' katlego ya bona.

22
Gakolola setlhopha mme o se ke wa se laola.√ Tshepa badiri ba gago o ba letlelele go ntsha
bokgoni.√ Lemoga matsapa a badiri, mme o tseye maikarabelo a makoa.√ Letla badiri go
ikakanyetsa le go dira diphoso.√ Dirisana le batho sentle.√ Amogela mokgwa o batho ba dirang
tiro ka ona.√ Rotloetsa badiri, mme o itumelele katlego ya bona.√

Palo ya mafoko - 58
POTSO 2: Tshobokanyo
Dinopolo Mafoko a a tshikintsweng
1 Badiredi puso ba tshwanetse go dirisana ka Badiredipuso ba dirisane mo
botlalo go atolosa dikgatlego tsa setšhaba. dikgatlegong tsa morafe
2 Ba tshwanetse go diragatsa ditaelo tse Ba diragatse molao gore ba se
ba di neilweng ka fa molaong e bile ba sa thulane le molaotheo
thulane le molaotheo
3 Ga go modiri ope yo o na le tetla ya go dirisa Ba se dirise dithuto tsa bona go
thata ya gagwe go tlhotlheletsa badiri ba tlhotlheletsa kgotsa go gatelela
bangwe go ba gatelela. badirammogo
4 Go tlhagisa dilelo tsa bona ka tsela e e maleba Go tlhagisa dilelo tsa bona ka tsela
le kwa kemeding e e maleba e e maleba.
5 Ba ineele go godisa, go rotloetsa badiri ka Ba ineele mo kgodisong,
bona le go nna le botsalano jo bo senang thotloetsong le botsalanong le
selabe. badirammogo
6 Ba iphape mo ditirong tsa mekgatlho ya Ba efoge dipolotiki mo ditirong.
sepolotiki ka nako ya ditiro le kwa tirong.
7 Ba dirisane le ba bangwe ntle le kgobelelo. Go nne le tirisano e seng
kgobelelo.
Gakolola setlhopha mme o se ke wa se laola.√ Tshepa badiri ba gago o ba letlelele go ntsha
bokgoni.√ Lemoga matsapa a badiri, mme o tseye maikarabelo a makoa.√ Letla badiri go
ikakanyetsa le go dira diphoso.√ Dirisana le batho sentle.√ Amogela mokgwa o batho ba dirang
tiro ka ona.√ Rotloetsa badiri, mme o itumelele katlego ya bona.√
Palo ya mafoko: 58

KAEDI YA GO TSHWAYA THUTISO 4: LETLHALOSI, LERUI LE LESUPI

1.1 Tse pedi. Ba tlaa tsamaya ka tse pedi fela (2)


1.2 a) wa ga Modisaotsile
b) ya Setswana
© ya seZulu
(d) ya merafe
(e) ya Aforika

23
(f) wa batho
(g) la tente
(h) tsa moletlo
(i) tsa setlhopha
(j) tsa setlhopha
(k) ya dinao (11)
1.3 Bagolo ba ne ba ja dingwe tsa tsona. (2)
1.4 Letlhalosi la nako. Le dirisitswe jaaka thui. (2)
1.5 Lediri le leina (2)

1.6 Ba robile koko e tshesane ka letlapa. (2)

1.7 Palelwa/ retelelwa (1)

1.8 Leemeditho (1)

1.9 oo - maemo a bobedi (2)


1.10 Jang? (1)
[26]

KAEDI YA GO TSHWAYA THUTISO YA 5: LEFATSHE LA DIKHUDUEGO

1.1 Ditlamorago tse di tlisiwang ke dikhuduego./Bosetlhogo jwa dikhuduego. (2)


1.2 Mothofatso. Ke go naya loso tiro ya setho ya go busa go dira gore Mmusi a
tlhaloganye botoka ka fa loso lo sotlang maikutlo a batho ka teng. (2)
Go neela loso le phurano ya meno tiro ya setho ya go busa.
1.3 Tlogelo. Mosola wa yona ke go oketsa lebelo moribo le morethetho wa molatheto.
(2)
1.4 Tlhatlagano ya bokao –Mafoko a a mo polelong e e fa godimo a tshwana le a
polelo e e fa tlase
Mosola - e gatelela bokao.
Tlhatlagano ya popego – ke e bona ka dipolelo tse di salang morago mme di na le
dikarolopuo tse di tshwanang. (3)

Sekao.
Leina Thuanyirui Leina Leina Thuanyirui Leina
Lefatshe la dikhuduego ‘fatshe ja babolai
Lefatshe la basenyi ‘fatshe ja magodu

1.5 Go tlhalosiwa fa dikhuduego di bolaile batho ba ba senang molato. (2)


1.6 Le thopela batho ditsabone. (2)
1.7 Go gatelela gore lefatshe la dikhuduego le tlaa atlholwa ka katlholo e e botlhoko.

24
(2)
1.8 Le nthyotloeditse gore ke se ka ka ikamanya le dikhuduego ka di na le ditlamorago
tse di utlwisang botlhoko. (2)
(Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko) [17]

KAEDI YA GO TSHWAYA THUTISO 6: LETLHALOSI, LERUI LE LESUPI

1.1 Itirile (1)


1.2 Lediri + Leina (apara+nkwe) (2)
1.3 A bapolwa ke banna ba lekgotla a bolaelwa lefela. (1)
1.4 Go supa kgatelelo ya leina. (1)
1.5 Leo – Lesupi la maemo a bobedi (2)
1.6 Thui (1)
1.7 Le yona e ne e rata Mpolokeng sentle. (2)
1.8 Tlhalosi ya kopanelo (1)
1.9 Ramakgomane o ne a botsa mongwaagwe gore a mmetse di le kae. (2)
1.10 Mpolokeng o ne a goga noka morago ga go bapolwa ke banna ba lekgotla. (2)
1.11 a) Letsatsi leo- Tlhalosi ya nako
b) Ganong - Tlhalosi ya felo (2)
1.12 a) Atisitse-tlwaetse
(b) Tshedisa- tlodisa/kgabagantsha (2)
[19]

DIKAEDI TSA GO TSHWAYA DITHUTISO TSA BEKE 4 LE 5

KAEDI YA GO TSHWAYA THUTISO 7: LEBOKO:


Lentswe la Moipolai– Freddie Samuelson Khunou

1.1 Kutlobotlhoko e e tlholwang ke mokgwa o lefatshe le mo tshwereng ka teng. (2)


1.2 Eleji. (1)
1.3 a) Tlhatlagano ya mafoko. (1)
Mafoko a a simololang polelo e e fa godimo a simolola polelo e e fa tlase. (1)
Mosola: Ke go gatelela bokao. (1)
(b) Neeletsano. (1
Mafoko a a feleletsang polelo e e fa godimo a simolola polelo e e fat lase. (1)
Mosola: Go golaganya dikakanyo. (1)
1.4 Kaediso. O kaya gore fa batho ba iketlile ba bua ka ena. (2)

25
1.5 Mmoki o kaya gore o itlhaganetse thata. (2)
1.6 Tshwaromakgwakgwa ya mmoki mo lefatsheng. (2)
1.7 Ke ikungwetse gore ke kgone go emelelana le mathata ka sengwe le sengwe se na le
bokhutlo./ ke se letle mathata go mpha mogopolo wa go ipolaya. (2)
1.8 Ke ne ke ka mo rotloetsa go bua le batsadi/ barutabana/badirediloago/ baoki kgotsa
mongwe yo a mo tshepang gore a mo thuse ka tharabololo ya mathata. (Dikarabo tsa
barutwana tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2)
[19]

KAEDI YA GO TSHWAYA THUTISO 8: MEDIRISO YA LEDIRI, MAETSI LE


MALATLHELWA

1.1 Tlhalosi ya sediriso. (1)


1.2 Letlhalosi la felo. O se ka wa ragela kgwele kwa kgakala ka gore ke lapile. (2)
1.3 (a) Modirisokgonego
(b) Modirisotlwaelo le
© Modirisokeletso (3)
1.4 Owaai!
Ijo! Banna!
Ao! (3)
1.5 Moeka a se ka a kgona go fetsa le go falola lekwalo la borobedi ka dinaledi. (2)
1.6 Bana ba tshwerwe ke tlala. (2)
1.7 Rotloetsana (1)
1.8 a) Motswagauteng - lediri+leina
(b) makatlanamane - lediri+leina (4)
1.9 Thi!
Gwaa! (2)
1.110 Modiri – badiri
Tiro – ditiro
Bodiri – modiredi (4)
(A le mabedi fela) [24]

THUTISO 9: PEGELO E E TLHOMAMENG

Dintlha tse di tshwanetseng go elwa tlhoko

• Leina la sekolo, moromedi le moamogedi di tlhagisiwe.


• Setlhogo sa pegelo se bolele ka botlalo gore go begwa ka ga eng.
• E kwalwa ka pakapheti.
• Morutwana a tlhagise diphitlhelelo le dikatlanegiso. Palo ya mafoko e nne 180-200.
• Morutwana a saene, a supe tiro kgotsa maemo a gagwe le letlha le a kwadileng pegelo
ka lona.

26
Se se lebeletsweng mo barutwaneng:
• Setlhogo le ditumediso di kwalwe.
• Morutwana a bege ka se a se boneng le se ba se utlwileng le ka ga ditiragatso tse ba
neng ba di bogetse.
• Tlhagisa kgatlhego e e tlhagisitsweng ke diiragatso tse.
• Neelana ka dikatlanegiso tsa gore go ka dirwa eng go rotloetsa barutwana go tsenela
ditiragatso di tshwana le tse.
• Bokhutlo e nne jo bo solofetsweng.
[25]

KAEDI YA GO TSHWAYA

THUTISO 10: POTSO YA TLHAMO: NTLHOMOLE MMUTLWA

• Lerato la nnete ga le patike, mme ke la maikutlo.


• Lerato la ga Kgori mo go Matsetseleko e ne e le la nnete gonne a ne a batla gore a
tsene mo maemong a gagwe a bogotsamolelo fa a rola tiro.
• Lerato la ga Matsetseleko le Palesa e ne e le la nnete gonne e rile fa Matsetseleko a
sena go tsena ka lenga la seloko a sa mo laela, a sala a tlhorega ka lerato le a neng
a na le lona mo go ena. Le fa go ne ga nna le difatlhi magareng ga bona, kwa
bokhutlong ba ne ba feleletsa ba nyalana, se se sua fa e ne e e lerato la maikutlo.
• Lerato la ga Baagileng mo go Mmathapelo e ne e le la nnete. Basetsana kwa
Thutokgololo ba ne ba sa fetse go bua ka ena. Bontsi bo ne bo ya dithutong tsa
bona ba ipaakantse phetelela ka tsholofelo ya gore gongwe ba ka kgatlha
Baagileng.
• Baagileng o ne a ba ikgatholosa ka go ne go le mosetsana mongwe fela wa kwa
Phiritshweu yo o neng a tshikinya maikutlo a gagwe e bong Mmathapelo. E ne e re
fa Mmathapelo a ka kgabola mo maikutlong a gagwe pelo ya gagwe e ne e rutla
dikgopo go supa fa a na le lerato la nnete mo go Mmathapelo.
• Mmathapelo e ne e le mosetsana yo o neng a sa tlwaelege bonolo, a le seriti e bile a
garola letswalo fa o mo lebile, mme le fa gontse jalo Bagileng o ne a ititaya sehuba
gore ga a ne a robala letsatsi leo a sa fetsa kgang ya gagwe le ena. Go supa fa
Mmathapelo le ena a ne a rata Baagileng, e ne ya re fa ba boa kwa
lephothophothong a bo a hupile letlhokwa, a tsamaya a tshamekisa letsogo la
Molema a tlhomile matlho fa fashe go bonala monyenyo o o boteng. Se se ne se
supa fa bobedi jo, bo na le lerato la nnete.
• Mmathapelo o na le lerato la nnete ka gore re bona fa a tsaya maikutlo otlhe a
gagwe a a akgela mo magetleng a ga Baagileng, a mo tshepa le go mo rata ka pelo
yotlhe ya gagwe. Ditoro tsa gagwe tsa bokamoso di ne di na le Baagileng mo gare.

27
Sengwe le sengwe se a neng a se dira o e a se dira ka botswapelo le go kgatlha
Baagileng.
• Mmathapelo o ne a itlwaeditse gore letsatsi lengwe le lengwe a fitlhe nako e sa le
gona gore a kgone go nna le nako ya go bona Baagileng wa gagwe. Ke sekao sa
lerato la nnete seno.
• Baagileng o ne a sena diphiri tse a neng a tle a di fitlhela Mmathapelo. O ne a
itlwaeditse go tlotla sengwe le sengwe le ena. Lerato fa e le la nnete ga le nne le
diphiri gonne le ka kgoreletsega.
• Mmathapelo le Baagileng ba ne ba dira dilo jaaka monna le mosadi. Kgolagano ya
bona e ne e setse e tshwana le ya monna le mosadi. Lerato la nnete le a boulela,
gonne fa Mmathapelo a sa fitlhele Baagileng o ne a ya go botsa kwa dikantorong go
fitlha a newa karabo ya gore Kgosi o mo romile go ya go mo emela kwa moletlong
wa boPalesa.
• Ka lerato la nnete le boulela, Mmathapelo o ya go ipaakanya a bo a latela Baagileng
gonne a belaela ka ntlha ya fa a sa mo laletsa.
• Lerato la ga Segonyamatlho le Morongwa mo go Matsetseleko e ne e le la nnete [25]
gonne ba ne bam o amogela moo ntlong ya bona, mme bam o tsaya jaaka ngwana
wa bona. Ba ne ba mo naya dikgakololo tse di mo agileng mo botshelong.
• Lerato la ga Palesa le Matsetseleko ke la nnete, ka ba sale ba ratana ba le kwa
sekolong mme ba feleletsa ba nyalane go sa kgathalesege dikgwetlho tse ba neng
ba rakana natso.

KAEDI YA GO TSHWAYA TIRWANA 11

POTSO 1: LEBOKO LA MOTSE WA MOGWASE - Khunou FS

1.1 Bontle jwa motse wa Mogwase (2)


1.2 Maikutlo a boitumelo jo bo tlisiwang ke bontle jwa motse wa Mogwase (2)
1.3 Bontle jo bo feteletseng. (2)
1.4 Neeletsano, mafoko a a feleletsang mola wa ntlha a simolola mola o o latelang. (2)
1.5 Poeletsomafoko, go gatelela bokao jwa gore mmoki a re ga a rate go (2)
bua thata
1.6 Tlhatlhagano ya mafoko, go gatelela bokao jwa gore motse wa Mogwase (2)
1.7 Leboko le le ntshusumetsa gore ke rate le go tlhokomela dilo tseo di leng (2)
botlhokwa mo botshelong jwa me
1.8 Ke ithutile gore re tshwanetse go tlhokomela mafelo a re nnang mo go ona. (2)
[16]

28
POTSO 2: LEBOKO LA BOTSOFE – Raditladi LD

2.1 Sonete ya sentariana (2)


2.2 Ngongorego tebang le botsofe/diphetogo tse di tlisiwang ke botsofe. (2)
2.3 Tlogelo
Mosola wa yona ke go oketsa lebelo la moribo le morethetho wa
molatheo/go kibakibela ka bonako ga molatheo (2)
2.4 Poeletsomafoko-go kuakua.
Mosola wa yona ke go gatelela bokao. (2)
2.5 Mangole a bona a a kgwetlha ga, ga a sa tlhole a tiile (2)
2.6 Tshwantshiso
Mosola wa sona ke go bapisa bosweu jwa meriri ya batsofe le bosweu
jwa mašwi. (2)
2.7 Ke ithutile gore se se sa feleng se a bo se tlhola./motho ga a nnele mošwa (2)
sa ruri. [14]

GOTLHE: 30

THUTISO 12: POLELONOLO, POLELOTSWAKO LE POLELOPATE

1.1 (d) i)Dikgomo tsa kgosi di ne tsa tlhaselwa ke ditau – Polelwanakutu (2)
ii) tse di neng di fula- Polelwanakalatlhaodi (2)
iii) mo merakeng e e kwa Kanye – Polelwanakalatlhalosi ya felo. (2)
(e) i) Badisa ba ne ba simolola go tlhobaela - Polelwanakutu (2)
ii) ka ba ne ba itse– Polelwanakalatlhalosi ya lebaka (2)
iii) gore ditau di ka bothologa mme tsa lala di ba tlhasetse mmogo le
dikgomo tsa bona. (2)
iv) kwa di robalang teng – Polelwanakalatlhalosi ya felo (2)
© i) Badisa ba ne ba gotsa molelo - Polelwanakutu (2)
ii) go potologa lesaka la dikgomo – Polelwanakalatlhalosi ya felo (2)
1.2 le dikgomo di robalang mo go lona, (2)
1.3 Badisa ba ne ba gotsa molelo mo lesakeng la dikgomo.
Sediri letiro Sedirwa tlhalosi ya felo tlhaodi (10)
1.4 Ba mpoleletse mme ke ne ka lebala. (1)
[31]

29
TIRWANA 14: POTSO YA TLHAMO

NTLHOMOLE MMUTLWA – Lobelo OM

KAEDI YA GO TSHWAYA

• Fa go twe nama ya kgapeletsa e thuba pitsa go kaiwa gore fa motho a


pateletswa go dira sengwe, go a tle go nne le ditlamorago tse di seng
monate. Se ke boammaaruri jo bo senang bana ba phefo fa re lebeletse
ditiragalo le diteng tse di amanang le balelapa la Kgori, tse di ba
hutsafaditseng.
• Kgori o ne a dira jaaka mogotsamolelo kwa kgosing. E rile go bona botsofe
bo itelekela mo go ena a ikaelela go tla go rolela tiro mo go morwae e bong
Matsetseleko ka a ne a akanya fa go le molemo go dira jalo.
• Matsetseleko o ne a na le maikemisetso ka botshelo jwa gagwe, o ne a rata
thuto mme a ipoleletse gore e tlaa re fa a digela mophato wa marematlou,
a ye go batla tiro kwa Babelegi go kokoanya madi gore a tle a tsweletse pele
dithuto tsa gagwe.
• Kgori o ne a rolela Matsetseleko mafoko a a bogotsamolelo, bothata ya nna
gore Matsetseleko o ne a feditse le mogopolo wa gagwe ka maikaelelo a
botshelo jwa gagwe.
• Matsetseleko o ne a leka go tlhalosetsa rraagwe ka maikaelelo a gagwe
mabapi le bokamoso jwa gagwe mme rraagwe a gana go tlhaloganya.
• Kgori o ne a simolola go galefela Matsetseleko le go mo tshosetsa, o ne a
bua fa ena a sena sepe le thuto e bile a ka se laolwe ke ngwana e le wa
gagwe.
• Ka ntlha ya pateletso e ya ga Kgori, Matsetseleko o ne a ngwega kwa gaabo
mme a tsena ka lenga la seloko.
• Seno se ile sa thuba lelapa loora Kebapetse mme ga rena bohutsana,
Kelogile e bong mmaagwe Matsetseleko a tshela ka selelo. Bodutu jwa
tsena ka lelapa mme kagiso le yona ya nna bokoa magareng ga ga Kgori le
Kelogile.
• Matsetseleko le ena kwa a neng a ngwegetse teng o ne a sa nnisege ka a
ne a tshwenngwa ke go ipotsa gore mmaagwe o ikutlwa jang kwa morago
kwa gae.
• Botshelo jwa lelapa la ga Kgori bo ile jwa senyegela ruri ka ntlha ya go
pateletsa Matsetseleko tiro ya bogotsamolelo.
• Kgori o ne a be a tlhokafala a ise a kopane le morwae. Se se botlhoko go
fetisa ke gore Matsetselelko ga a kgona go nna teng mo phitlhong ya ga
rraagwe.
• Go pateletsa Matsetseleko tiro ya bogotsamolelo ke gona go tlisitseng
mathata le kutlobotlhoko kwa lelapeng loora-Kebapetse. E le ruri nama ya [25]
kgapeletsa e thuba pitsa.

30
KAEDI YA GO TSHWAYA

THUTISO 15: PUOPEGELO LE PUOSEBUI

1.1 E ntsho (1)


1.2 Modise o tsamaile le nna kwa moletlong. (2)
1.3 (a) Puosebui (1)
(b) Puopegelo (1)
(c) Puosebui (1)
(d) Puopegelo (1)
(e) Puosebui (1)
1.4 Motshameki o ne a bua gore monongwaga boitumelo bo ya go aparela
Setlhopha sa ga rre Sekere (2)
1.5 Leina + Letlhaodi (2)
1.6 (a) Serati o ne a botsa, “Ke mang a tshotseng madi a me?” (2)
(b) Morutabana o laela morutwana a re, “Tloga fa pele ga me mme o kwale
thutiso.” (2)
[16]

31

You might also like

pFad - Phonifier reborn

Pfad - The Proxy pFad of © 2024 Garber Painting. All rights reserved.

Note: This service is not intended for secure transactions such as banking, social media, email, or purchasing. Use at your own risk. We assume no liability whatsoever for broken pages.


Alternative Proxies:

Alternative Proxy

pFad Proxy

pFad v3 Proxy

pFad v4 Proxy