Setswana Novel Ntlhomole Mmutlwa
Setswana Novel Ntlhomole Mmutlwa
Setswana Novel Ntlhomole Mmutlwa
O.M Lobelo
Mophato
ISBN 978-1-4315-3389-3
This content may not be sold or used for commercial purposes.
Curriculum and Assessment Policy Statement (CAPS) Grade 12 Setswana Home Language
Mind the Gap study guide for the novel: Ntlomole Mmutlwa by OM Lobelo.
Acknowledgements
The extracts from the novel in this study guide are from Ntlomole Mmutlwa by OM Lobelo.
The Mind the Gap Literature Self Study Guide is responding to the
broader sectoral reading challenges that the country is experiencing.
It seeks to strengthen the following strands of the National Reading
Sector Plan: Teacher Development and Support; Direct Learner
Support; and Provisioning and Utilisation of the Learning and
Teaching Support Materials. Its interactive nature will make it easier Matsie Angelina Motshekga, MP
for both teachers and learners to read, to learn or study. It is hoped Minister of Basic Education
that through this Study Guide, the reading and learning outcomes
will be achieved.
Every learner is a national asset, all you need now is to put in the
hours required to prepare for the examinations and excel!
We wish each and every one of you good luck and success.
MRS AM MOTSHEKGA, MP
MINISTER
DATE: 14 NOVEMBER 2019
DITENG TSEBE
KGAOLO YA NTLHA
MATSENO
Ka letsatsi la tlhatlhobo 6
THADISO
1. Matseno
2. Mokwadi
3. Lemorago
4. Setlhogo sa Padi
2
KGAOLO YA BOBEDI
Matseno
Dikgaolo tsa 1 le 2
Dikgaolo tsa 3, 4, 5, 6 le 7
3
Morutwana wa Mophato wa 12
Morutwana wa Mophato wa Marematlou, Dumela. Nte re go tataise. Re dumelele re go tlhabe podi
matseba mabapi le padi ya rona e e fa isong, Ntlhomole Mmutlwa. Itse gore ka dinako dingwe mo
botshelong fa o rakana le dikgwetlho le mathata, o tlhoka go neelwa thuso kgotsa gona go tlhomolwa
mmutlwa o o go utlwisang botlhoko. O tlaa itemogela gore moanelwamogolo Matsetseleko mo
pading e, le ena o tlhoka go tlhomolwa mmutlwa.
Kaedi e ya Mind the Gap e tlaa go thusa go ipaakanyetsa tlhatlhobo ya bofelo jwa ngwaga
ya padi ya Ntlhomole Mmutlwa, Setswana Puo Ya Gae (HL).
Tlhokomela se!
4
THADISO YA TLHATLHOBO YA DIKWALO: SETSWANA PUO YA GAE, PAMPIRI YA 2:
KAROLO YA A: Poko
MABOKO A A TLHAOTSWENG – Araba dipotso di le PEDI.
LEBOKO LE LE SA TLHAOLWANG – Araba potso e. le nngwe.
KAROLO YA C: TERAMA
Araba potso e le NNGWE.
5
7. Leba Seipone Dipotso tse dikhutshwane 25
6
TLHAMO YA DIKWALO KE ENG?
7
DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE KE ENG?
Mo dipotsong tse dikhutshwane o newa nopolo ya mafoko a a kana ka 400 – 450 go tswa
mo pading. O bo o tshwanelwa ke go araba dipotso tse di ikaegileng ka nopolo e. Dikarabo
dingwe tsa dipotso o ka di fitlhela mo nopolong, tse dingwe ke tse di tlhatlhobang go
boikakanyetsi jwa gago go tswa mo dikarolong tse dingwe tsa padi, jaaka: baanelwa, morero,
molaetsa, jalo le jalo.
8
MAFOKO A A DIRISIWANG GO BOTSA DIPOTSO
9
Go itseela tshwetso: Dipotso tse di tlhokang gore o ranole setlhangwa, o dirisa
tshedimosetso e e sa neelwang ka botlalo mo setlhangweng, o e dirisa mo maemong a
maitemogelo a gago a botho. Kgato e, e akaretsa go akanya ka se se diragetseng mo
dikarolong tse dingwe tsa setlhangwa, ka go go neela ditemosi tse di go bolelelang ka ga
moanelwa kgotsa morero mme o dirisa tlhaloganyo ya gago go go thusa go tlhaloganya
setlhangwa.
Tlhalosa gore kakanyo e e amana jang le morero… Supa kamano le morero.
Bapisa dikakanyo/ maitsholo/ ditiragatso (ditiro) tsa Bontsha go tshwana le go
moanelwa yo o rileng le tsa moanelwa yo mongw… farologana.
Mafoko a kaya eng/a bontsha eng ka ga moanelwa Bolela se o se naganang ka
yo o rileng, maemo a, a go raya a reng ka bokao, o lebeletse go tlhaloganya
moanelwa yo o rileng… ga gago ga setlhangwa.
Moanelwa yo o rileng o tsiboga jang fa…? Kwala mokgwa o moanelwa a
Tlhalosa ka mokgwa o sengwe se ntseng le seabe tsibogang ka ona/ moanelwa o
ka gona mo… dirile eng kgotsa o ikutlwa jang.
Bolela gore o itse jang gore moanelwa yo o rileng o
…
Ke eng se moanelwa yo o rileng a se kayang ka…? Tlhalosa gore goreng moanelwa a
dirisitse mafoko a a rileng.
A polelo e e latelang e nepagetseng kgotsa e Kwala ‘nepagetse’ kgotsa
fosagetse? ‘fosagetse’ fa thoko ga palo ya
potso. Neela lebaka la karabo ya
gago.
Tlhopha karabo e e nepageteng go feleletsa polelo Go neetswe dikarabo tse di
e e latelang. mmalwa tse go dirisitsweng tlhaka
A – D. Kwala tlhaka fela fa thoko ga
palo ya potso.
Feleletsa polelo e e latelang ka go tlatsa ka mafoko Kwala lefoko le le tlogetsweng fa
a a tlogetsweng. thoko ga palo ya potso.
Nopola mola go tswa mo nopolong go netefatsa Kwala polelo e e maleba go tswa
karabo ya gago. mo setlhangweng o dirisa mafoko
a a tshwanang mmogo le
matshwaopuiso
Tlhatlhobo: Dipotso tse di tlhokang gore o tlhatlhobe o ikaegile ka kitso le go
tlhaloganya setlhangwa le maitemogelo a gago.
10
Tlhalosa kakanyo ya gago/maikutlo a Tlhokomela tshedimosetso yotlhe
moanelwa/morero… o bo o tseye tshweetso.
A o nagana gore… Dipotso tse, ga di na dikarabo tse
di ‘nepagetseng’
kgotsa tse di ‘fosagetseng’, fela o
tshwanetse go tshegetsa kakanyo
ya gago ka lebaka, o ikaegile ka
tshedimosetso e e neetsweng mo
setlhangweng.
A o dumalana le gore…
Go ya ka wena, ke eng…
Neela ntlhakemo ya gago ka ga…
Kgatlhegelo: Dipotso tse di botsang ka ga tsibogelo ya gago ya maikutlo ka se se
diragalang, baanelwa le mokgwa o e kwadilweng ka ona.
O ne o tlaa ikutlwa jang fa o ne o le moanelwa yo o Dipotso tse, ga di na dikarabo tse
rileng? di ‘nepagetseng’ kgotsa tse di
‘fosagetseng’, fela o tshwanetse
go tshegetsa kakanyo ya gago ka
lebaka, o ikaegile ka
tshedimosetso e e neetsweng mo
setlhangweng.
Bua ka tsibogo ya gago mo
setlhangweng/tiragalong/
maemong/ kgotlhang/ pitlaganong …
A o utlwela moanelwa yo o rileng botlhoko…
Tshwaela ka botlalo ka tiriso ya setaele, segalo, puo Fa o araba mofuta o wa potso,
ya botshwantshi le mmuisano tsa mokwadi… ipotse dipotso tse: A setaele se se
nthusa go akanya ka se se
diragalang.Moanelwa o ikutlwa
jang? Goreng a ikutlwa jalo? Neela
lebaka la karabo ya gago.
11
Ntlhomole
THADISO Mmutlwa
MATSENO
Ntlhomole Mmutlwa ke padi e morero wa yona e leng segologolo kgatlhanong le sešwa kgotsa go
tlhomolwa mmutlwa kgotsa go ntsha botlhoko. Merero e, e itshetlegile ka baanelwa Matsetseleko,
Kgori le Kelogile. Bontsi jwa ditiragalo bo diragala mo metseng e e latelang;- Phiritshweu le Kgaladi.
BAYOKERAFI YA MOKWADI
12
Talente le bokgoni tsa gagwe tsa go kwala di itshenotse fa a kgonne go tlhagisetsa Radio
Mmabatho teramakhutshwe e e neng ya gasiwa mo seyalemoyeng. Ka ngwaga wa 1996,
Othusitse o ne a tsenela kgaisano ya bokwadi ya Shuter & Shooter Literary Award: One- Act
Plays Competition, foo o ne a fenya maemo a boraro ka buka ya gagwe e a neng a e tlhakanetse
le ba bangwe, e bong Diselammapa. Buka eo, e ne ya phasalatswa ke Shuter & Shooter ka
ngwaga wa 1997.
Ntle le bokwadi, Othusitse o itshupile gape mo mererong ya tsa kgwebo. O ne a iponela maemo
a ntlha mo kgaisanong ya Business Kickstart 2010. Othusitse o tsenetse manaane a dithuto-
potlana mo ditheong tse di farologaneng tsa thuto, go akaretsa lenaane la Retail Management
kwa Yunibesithing ya Johannesburg.
O golagane le setheo sa dithuto tsa Seaforika se se bidiwang Eskia Institute, a dira jaaka moanedi
(Voice-over artist) mo porojekeng e e bidiwang Afrikan Affirmatiions: Radio Series. Porojeke eo
e tlhotlheleditswe ke ditiro, botshelo le bokwadi jo bo tseneletseng jwa ga Eskia Mphahlele.
Lentswe la gagwe le utlwala mo seyalemoweng sa bosetšhaba sa Motsweding FM, a anela ka
mekgwa le maitsholo a go tshela.
LEMORAGO LA PADI
Lemorago la padi e, le ama ditiragalo tsa segologolo kgatlhanong le tsa sešwa. Kgori le Kelogileke
baanelwa ba ba emelang segologolo. Kgori ke mogotsamolelo kwa kgotleng e bile lefoko la gagwe
le tshwanetse go agelwa mosako fa Kelogile e ne e le mosadi wa setso, a ka se botse monna wa
gagwe dipotso, a ka se mo arabise. Matsetseleko ke moanelwa yo o emelang sešwa. O ne a le
kgatlhanong le tshwetso ya ga rraagwe ya gore a tseye boswa jwa go nna mogotsamolelo kwa
kgotleng ya motse.
NTLHOMOLE MMUTLWA
Ntlhomole mmutlwa ke leele le le kayang gore motho o utlwile botlhoko, ka jalo, o tlhoka go
tlhomolwa mmutlwa, ke gore, go ntshiwa mo matlhomoleng a. Matsetseleko o utlwa botlhoko ka
ntlha ya patiko, mme o eletsa fa a ka thusiwa gore bothata jo bo rarabololwe. Motlhodi wa botlhoko
jo ke rraagwe ka a batla gore a tseye boswa jwa go nna mogotsamolelo kwa kgosing mme ena o
kgatlhanong le maikaelelo ao. Mmaagwe e bong Kelogile, ga a mo thuse ka sepe go rarabolola
bothata jo ka e le mosadi wa setso, a ka se gakolole molekane wa gagwe, a ka se mo arabise kgotsa
go mmotsa dipotso. O boifa go tlhagisa maikutlo a gagwe mo go ena.
13
KGANG E ANELWA JANG?
Karolo e, e thadisa ka diponagalo tsa dikwalo tsa padi tse mokwadi a di dirisang go tlotla kgang.
Lemorago
la padi
Baanelwa le
boanedi
Go menoga
ga
ditiragalo
Diponagalo
Diponagalo
tsa dikwalo
tsa dikwalo
Segalo,
maikutlo/moon
o Molaetsa
le morero
Seabe sa
moanedi
MAITSHETLEGO
Maitshetlego a kaya lemorago kgotsa boalo jo mopadi a bo alang gore ditiragalo tsa padi di lebege
kgotsa di kgodise gore di diragetse ka nnete mo botshelong. Magareng ga tse dingwe a akaretsa
lefelokgang le paka/motsi/motlha wa ditiragalo. Paka e ka nna ya setso/segologolo,
sešwa/segompieno kgotsa ya mo magareng.
Padi e, e kopantse dipaka tse pedi e leng setso le segologolo kgotsa sešwa le segompieno. Maitsholo
a baanelwa ka kakaretso, dipuo, dijo, ditumelo, moaparo jalo jalo/didirisiwa ke tsona tse di re
senolelang motlha kgotsa paka ya ditiragalo tsa lokwalo. Ditiragalo tsa padi e e fa isong di ikadile
segolo mo metseng e e latelang: Phiritshweu, Kgaladi, Dikhudung le Morolahutshe.
14
(a) Phiritshweu
• Motseselegae wa Baphiring o baagi ba ona ba dumelang thata mo setsong le ngwao ya
Batswana. O ikadile mo godimo ga dithota le dithotana,e bile o ralalwa ke molapo wa
mokgorokgoro. Motse o o nang le kgogedi, ka o dikanyeditswe ke ditlhare tsa mefutafuta.
• Baagi ba motse ba santse ba na le meraka. Bangwe ba bona ba ne ba itiretse meraka mo
matlong a a neng a tlogetswe ke baruti ba Majeremane le Mafora.
• Kgosi ya motse o ke Kgololo, ga a na morwa, o na le morwadi a le esi e bong Palesa. Kgosi e
ne e tsamaisa puso ya motse le bagakolodi ba gagwe jaaka bo Kgori le banna ba bangwe ba
lekgotla.
• Ka ntlha ya tlhaelo ya ditlhabololo mo motseng wa Phiritshweu, puso e ne ya tlisa ditlhabololo
ka go agela baagi Thuto-Kgololo FET College:
(b) Kgaladi
• Ke motsesetoropo o o tlhabologang. Seno se senolwa ke mokgwa wa sešweng o dilo di
dirwang ka ona.
• Aterese e e dirisiwang ke ba lelapa la ga Segonyamatlho e bontsha nomoro le leina la mmila.
• Mosadi wa ga Segonyamatlho e bong Morongwa, o na le mothusi wa mo lelapeng, yo o
bidiwang Diraamang. Morongwa le ena o apaya ka mokgwa wa sešweng.
• Thologelo e ntsi ya batho ka ntlha ya go dira mo meepong e e mabapI, e dira gore mebila ya
toropo e dule e nyeuma.
• Remofilwe le Rebafilwe, mawelana a ga Segonyamatlho le Morongwa, ba rometswe
sekolong kwa moseja. Se ke tshupo ya gore batsadi ba tsaya thuto tsia.
(c) Dikhudung
• Ke motsesetoropo o o nang le ditlhabologo ka o na le le matlolemahalahala a mabedi.
• Ntlolehalahala ya bobedi ba e agetswe ke meepo e e neng e le gaufi le motse wa bona
(d) Morolahutshe
• Ke motse o o bapileng le motsesetoropo wa Kgaladi.
• Lefelo le le senolang bosenyi gonne ke teng kwa Bra Boots a neng a wela dinokwane tse
di neng tsa mo gobatsa le go mo kgothosa koloi fa a ntse a le mo letsholong la go batlana
le Matsetseleko.
15
(e) Donkermag
• Ke ntlwanalefitshwana e Matsetseleko a neng a isiwa kwa go yona morago ga go tshwarwa.
(f) Tshwane
Ke toropo e go fitlhelwang Yunibesithi ya Tshwane, e na le dihotele le matlomahalahala a maemo
a a kwa godimo
BAANELWA LE BOANEDI
Baanelwa ba ba kgolokwe (ba madi le nama) ba a fetoga. Ba tlhagiswa ka boleng kgotsa dikakanyo
tse di farologaneng mme ba gola go ya ka kgolo ya ditiragalo. Ba tlhalosiwa ba le matswakabele, ba
tlhagisiwa ka dimelo tse di farologaneng, ba a lela, ba tshega, ba galefa, ba nna bonolo go ya ka
ditiragalo mo lokwalong lotlhe. Baanelwa ba, ba emela batho ba ba tshelang ka tota, ba o ka se ba
itseng mme ba fetoga go ya ka ditiragalo. Moanelwa yo o kgonang go fetogafetoga, o kaiwa e le yo
golang.
16
Mefuta ya baanelwa
(a) Baanelwabagolo
Matsetseleko
Segonyamatlho
Ke baanelwa ba batlaleletsi fela ba ba se nang seabe se se kalo. Bangwe ba tlhagelele gangwe fela.
17
Bra Boots/ rre Sebogodi Tlhapedi
Morongwa
Kgosi Kgololo
Palesa
Mmathapelo
Ke tsala e e ntshanang se inong le Palesa e bile ba tsena sekolo mmogo. Ke mosetsana yo montle
thata mme a ratana le Baagileng.
Baagileng
Ke motllhatlheledi kwa Setlagole FET College. O ne a ratana le Mmathapelo. Kgosi Kgololo o mo roma
go ya go mo emela kwa moletlong wa dikgaisano tsa dipuisano wa boPalesa. O tlhoka nnete, o batla
go tsietsa Palesa ka go mo nosa bojalwa.
18
Semelo
Ke dintlha tse di botlhokwa ka maitsholo a motho. Batho botlhe ba na le dimelo tse di senolwang ke
ditiragalo le dipuo tsa bona. Botho le mekgwa di a nyalelana.
Semelo Bosupi
(a) Matsetseleko
(b) Kgori
19
• Ga a reetse Matsetseleko fa a re ga a batle go
nna mogotsamolelo wa kwa kgotla mme se,
se thankgolola morero wa padi wa sešwa se
se leng kgatlhanong le setso.
(c) Kelogile
(d) Segonyamatlho
• O siame thata (a le pelontle). • O neela Matsetseleko marobalo le go mo
neela tshegeto mo botshelong.
• A ratela mongwe le mongwe tswelelopelo.
• A itumelela diphitlhelelo tsa ga Matsetseleko
tse dintle.
• O a ikanyega • Ditsholofetso tsa gagwe mo go Matsetseleko
di ne di sa fetoge.
20
• O siame thata (a le pelontle) • O neela Matsetseleko marobalo, a ratela
mongwe le mongwe tswelelopelo e bile a
itumelela diphitlhelelo tsa bona tse dintle.
(h) Palesa
• Ga a na lerapo la mokwatla/ga a • O feleletsa a bolelela Mmathapelo ka lerato
na sephiri. la gagwe le Matsetseleko
• O bolelela rraagwe ka se se diragetseng kwa
Dikhudung.
• O pelokgale • O kgonne go bolelela rraagwe ka ditiro tse di
sa siamang tsa borre ba lekgotla, a bo a
kgona go gakolola rraagwe.
(i) Mmathapelo
• O na lerato la nnete. • O a tshwenyega fa a bona Palesa a sa
itumela.
• O rata Baagileng.
21
• Ke leferefere/o letsipa • O tshelela Palesa beine gore a se ke a mo
fekeetsa fa a tshwere kgang le ena.
Tshobotsi
22
• Meno a le maswaana.
• Mmele o o tletseng.
• Moriri o o tlhakantseng bontsho le
bosweu.
• A le moleele.
(c) Segonyamatlho
• O ne a na le dimpa tse ditona thata
• Dimpa tsa gagwe di tshwana le thele ya kgomo ya mašwi e na le matsatsi a le mabedi e
sa gangwe e kete dimpa tse pedi
• Dikhularo tsa gagwe di le di kalo ( Marago a makima)
• Sefatlhego sona se ne se solegile sentle se se setlhana e kete la kgarejwana e le ratla la
tlou
23
• Nko e le kgolokwane e tshwanelana le
sefatlhego
• Marama a le borethe jaaka ditlhaka tsa
garenata
Poloto
Poloto ke eng?
• Ke tatelano ya ditiragalo go tloga kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong, mme di
na le mabaka a a di tlholang.
C Setlhoa
Tharabololo
Thatafalo/Tlhakatlhakano Go fologa Setlhoa
Tlhatlogo Go Ya Setlhoeng
Tharaano
A------------------- B Katlhogo/
Tshimologo Bokhutlo
(Tshenolo > Phuthulogo)
24
Mefuta ya kgotlhang
Mo pading ya Ntlhomole Mmutlwa go na le mefuta e e farologaneng ya dikgotlhang.
Morero
Ke thitokgang kgotsa kgangkgolo e mopadi a re tlotlelang ka yona. Ka yona o re neela
setshwantsho sa botshelo. Ditiragalo tsa padi di ikaegile le go dikologa mo go ona.
• Ditiragalo tsa padi, Ntlhomole Mmutlwa, di dikologa kgotsa di diragala mo
phisegong ya moanelwamogolo Matsetseleko, yo o tlhokang go tlhomolwa
mmutlwa ka a le kgatlhanong le tshwetso ya ga rraagwe e bong Kgori, ya go mo
pateletsa go tsaya tiro ya gagwe ya bogotsamolelo fa a rola tiro.
• Go nna le thulano ya segologolo le sešwa gonne Kgori o ganelela mo
segologolong fa Matsetseleko ene a le mo sešweng. Seo se tlhola gore go nne le
thulano ya dikakanyo le maikutlo ka gore Matsetseleko o rata go tsweletsa dithuto
tsa gagwe.
25
Molaetsa/Thuto
Segalo
26
Maikutlo
Moanedi
27
Ntlhomole
Mmutlwa
DIKGAOLO TSA 1 LE 2
Tshobokanyo ya Kgaolo ya 1
Tlotlofoko ya Kgaolo ya 1
1. Itshetlegile - Ikaegile
2. Rola jokwe - Go rola tiro
3. Go inaya naga- Go
tshaba
4. Go mina ka nko e le
nngwe - Go
28 tšhakgala/galefa
5. Go semelela mo tirong-
Go dira ka thata
Kgolo ya poloto
TIRWANA YA 1
29
5 Tlhagisa lebakalegolo le le tlhodileng gore Bra Boots a (2)
bidiwe?
Tshobokanyo ya Kgaolo 2
Tlotlofoko ya Kgaolo ya 2
30 1. Ithuela - go ithaopa/go
mo letla go nna le ena
2. A sosologe – a repe,
a phuthologe/a iketle
TIRWANA YA 2
Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.
Tlhokomela se!
31
8 A setaele sa mokwadi se go thusa go itsenya mo (2)
ditlhakong tsa ga Matsetseleko?
Dikgaolo tsa 3, 4, 5, 6 le 7
Ntlhomole
Mmutlwa
Tshobokanyo ya Kgaolo ya 3
Tlotlofoko ya Kgaolo ya 3
TIRWANA YA 3
Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.
33
10 Botsalano jwa ga Bra Boots le Mmathapelo ke bofe? (2)
11. Diphitlhelelo tsa ga Bra Boots ka letsholo la gagwe ka nako e, e ne e le dife? (2)
[25]
Tshobokanyo ya Kgaolo 4
Tlotlofoko ya Kgaolo ya 4
1. Repile- Iketlile
2. A ja mokaragano- A itumetse
3. Go tsenela mo sekgweng- Go mo
itumelela
4. Go sa wele pelo- Go sa kgotsofale.
5. Go ema nokeng- Go tshegetsa
34
TIRWANA YA 4
Tlhokomela se!
Semelo ke
mekgwa ya
motho e e
senolwang ke
ditiro /puo .
35
9 Kwala semelo sa ga Segonyamatlho ka dintlha di le nne. (4 )
11. Lebaka le le dirileng gore Bra Boots a beye leoto la gagwe (2)
kwa lebenkeleng la ga Segonyamatlho ke lefe?
[25]
Tshobokanyo ya Kgaolo ya 5
Tlotlofoko ya Kgaolo ya 5
1. Phisego- Keletso
2. Kgabola- Tlhagelela
3. Go latlhela tlhware
legonyana- Go bua
sengwe
TIRWANA YA 5
Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.
Tlhokomela se!
Tshobokanyo ya Kgaolo ya 6
38
• Palesa o leka ka bojotlhe gore Matsetseleko a mmolelele gore o nna kae mme
Matsetseleko o gana nnang ya banyana, o swa ka lehunelo.
• Kopano ya ga Palesa le Matsetseleko e tshwenya kgosi mo moweng, o ipotsa gore
lobaka lo go tweng ba lo ntse ba bua, ba ne ba bua ka eng.
• Kgosi o roma Masedi kwa go Palesa go mo fatolola ka tsotlhe tse di diragetseng kwa
Dikhudung. Ka Palesa a sa tswa ka nnete yotlhe, Kgosi a mo ithoma.
• Kgosi o mmotsolotsa ka botlhale go fitlhela Palesa a mo itsise gore Matsetseleko o
batla go boela gae mme go na le maparego a a mo kganelang e bong bogwenegwene
jwa banna ba lekgotla, go boifa rraagwe le banna ba lekgotla.
• Kgosi o tshwara kopano le banna ba lekgotla, o ba lemosa diphoso tsa bona le go
kgalemela maitshwaro a bona.
• Kopana ya ga Kgosi le Kgori e tsala maikutlo a boikotlhao mo go Kgori gore ke ena
yo o dirileng gore Matsetseleko a tshabe. O ikotlhaela go bo a lemoga fa a sentse
bokamoso jwa ngwana wa gagwe.
• Matsetseleko o amogela lekwalo la go thapiwa ga gagwe kwa meepong ya matikiri
ya Madibeng. O thapiwa jaaka motsamaisi wa lebanta. Morago ga dikgwedi di le supa
o tlhatlhosiwa go ya kwa diofising tsa motlakase. O dira tiro ya gagwe ka
matsetseleko, mafolofolo le ka boineelo. Bathapi ba swetsa gore a tsenele dithutano
tsa boithutelotirong, mo a kopanang le Kukama jaaka badirimmogo.
• Bobedi jo bo pataganela tiro e ka kutlwano le ka manontlhotlho.
Tlotlofoko ya Kgaolo ya 6
1. Go boa ka nngoba e sa
fotlhwa- Go boa o sa
tshola sepe.
2. Akabetse- A gakgametse
3. Bogwenegwene-
Boferefere
39
TIRWANA YA 6
Palesa o ne a itsise rraagwe gore Matsetseleko o eletsa go boela gae, mme o boifa rraagwe
le banna ba lekgotla. Matsetseleko o ne a boleletse Palesa ka dilo dingwe tse di neng di
diragala mo motseng, mme kgosi yona e sa di itse. Bogwenegwene jwa banna ba lekgotla.
Kgosi Kgololo ga a ka a rata seo. E ne ya re morago ga matsatsi a se kae. Kgosi a biletsa
boraaKebapetse kwa kgotla go tla go tšhotlha seo. O ile a ba lopa go phuthulola dipelo le go
nna le phisego ya go batla morwaabone. A boa a laela banna ba lekgotla go dirisana le
morafe sentle, le go tlogela go itseela molao mo matsogong. Kopano eo e ne ya simolola e
le nnye, mme ya godisiwa ke tšhakgalo ya ga kgosi ka a ne a lemoga fa maemo a tswa mo
taolong, banna ba lekgotla ba setse ba iphetotse dikgosi tsa motse wa gagwe, e bile ba setse
ba kgona go atlholela batho bangwe mo sephiring.
40
11 Bokao jwa toro ya ga Matsetseleko ya go tshelwa lookwane e bontsha maemo (2)
afe, a Matsetseleko le Kgori ba leng mo go ona?
[25]
Tshobokanyo ya Kgaolo ya 7
41
• Kgosi Kgololo o ikgatholosa bona. O neelana ka setsha gore go agiwe THUTO – KGOLOLO
FET COLLEGE mo go sona.
• Mo tlhanaselong e e neng e rena ya ditlhabololo mo Phiritshweu, Bra Boots o ile a itelekela kwa
gaabo Matsetseleko letsatsi lengwe. A ba tiisa mooko fa a sa phuaganya patlo ya morwaabona.
Ka nako e, Kgori o ne a bontsha a tsofetse e bile a godile. Morago ga gore Kelogile a ntshe Bra
Boots ka kgorwana, o fitlhetse mogatse a latswitse kika.
Tlotlofoko ya Kgaolo ya 7
1. Go thankgolola- Go simolola
2. Ketsaetsego- Go se iketle
3. Ikgatolosa- Itlhokomolola
4. Go tiisa mooko- Go neelana ka tsholofelo
5. Go latswa kika- Go tlhokafala
TIRWANA YA 7
4 Ke eng se se neng sa dira Bra Boots gore a nyelele lobakana fa a tlhalosetsa (2)
booraKebapetse?
[10]
42
DITIRWANA 8, 9, 10 le 11
Ntlhomole
Mmutlwa
Tshobokanyo ya Kgaolo ya 8
Tlotlofoko ya Kgaolo ya 8
43
TIRWANA YA 8
Kgolo ya poloto
Tharabololo
• Bokhutlo
44
DIPOTSO TSA TIRWANA YA 8
[12]
Tshobokanyo ya Kgaolo ya 9
45
• Mmathapelo o romelwa bookelong a patilwe ke Palesa. Fa Mmathapelo a
itharabologelwa, o gasa Palesa ka santlhoko o mmolelela fa e le seaka, a tseela
batho banna. Ntwa e a runya mme Palesa o a ikarabela. Ngaka Aphane o a ba ruanya
le go ba rotloetsa go simolola lenaanetsiboso. Ba thobega matswalo, ba a
itshwarelana.
Tlotlofoko ya Kgaolo ya 9
1. Thekwini - Durban
2. Go ipala mabala a kgaka - go kopa lorato
mo mosetsaneng.
3. Dilalelo - dijo tsa maitsibowa.
4. Go gasa ka santlhoka - go fa motho
TIRWANA YA 9
Palesa o ne a utlwa tseo tsotlhe, a utlwa a tsewa ke sedidi ka a sena dikarabo tsa ga
Baagileng, a tlaela a ba a tlhoka molomo. Kwa bofelong Palesa o ne a tlelwa ke maikutlo a
gagwe, mme a simolola go tseela Baagileng kgang ka lekau la gagwe la ditoro le bokamoso,
Matsetseleko. Palesa o ne a tlhalosa ka mokgwa o a ratang Matsetseleko ka ona e bile a
ikaeletse go mo leta go fitlhelela a bo a boela gae. O ne gape a boa a tlhalosetsa Baagileng
gore mo go tsotlhe tse a di dirang, o tlhotlheleditswe ke Kgosi Kgololo, rraagwe le
Matsetseleko, lekau la gagwe.
46
DIPOTSO TSA TIRWANA YA 9
[12]
Tshobokanyo ya kgaolo ya 10
47
• Letsatsi la kotsi ga le itsiwe, Matsetseleko o ntse a sa dirise sejanaga sa gagwe mo
malatsing ao. O ikopa kwa tirong go ya go ipaakanyetsa ditlhatlhobo. Sepalangwa
se a kopileng go pegiwa mo go sona ke sa dinokwane.
• Matsetseleko o nna ka lerago le lengwe gonne o lemoga gore go sengwe se se
belaetsang ka bapagami ba sejanaga seo, mme o kopa go fologa ka a setse a
dueletse loeto lwa gagwe.
• Mapodisi a leka go emisa sejanaga sa magodu mme bona ba oketsa lobelo, morago
go simolola thuntshano gareng ga mapodisi le magodu.
• Sejanaga sa magodu se tswa mo taolong, se thula thaba, sa sugakana. Mapodisi a
fitlhela Matsetseleko a idibetse mme dinokwane tse pedi tsona di tlhokafetse.
• Matsetseleko o latlhelwa kwa ntlwanalefitshwaneng ya Donkermag ka a fitlhetswe
mo sejanageng le magodu.
• Segonyamatlho o dumela fa Matsetseleko a se molato gonne a mo itse botoka. O
romela molaetsa wa se se tlhagetseng Matsetseleko kwa Phiritshweu.
• Ka letsatsi la tsheko batho ba le bantsi ba tla go ema Bra Boots le Matsetseleko
nokeng. Bra Boots o paka fa a bone dinokwane tse di mo tlhasetseng, le gore
Matsetseleko ena ga se mongwe wa bona.
• Matsetseleko o a gololwa ka a sa bonwe molato. Go rena boitumelo jo bogolo mo
baemanokeng ba ga Matsetseleko, bogolo jang mmaagwe yo a itumeletseng go bona
morwae gape.
Tlotlofoko ya Kgaolo ya 10
48
TIRWANA YA 10
Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.
[12]
TSHOBOKANYO YA KGAOLO YA 11
• Matsetseleko o boela gae kwa Phiritshweu, mmaagwe o itumelela seo, o mo tseela kwa
mabitleng go etela phupu ya ga rraagwe. Kelogile o mo rotloetsa go bua sengwe le
sengwe se se leng mo pelong ya gagwe.
• Matsetseleko o gopola mokgwa o rraagwe a mo godisitseng ka ona, o bolelela mmaagwe
ka mmutlwa o o sa bolong go mo tlhaba mme mmaagwe a sa mo thuse go o tlhomola.
• Matsetseleko o etela Kgosi Kgololo go ya go mo itsise gore o boetse gae. O tswelela go
mo lotlegela ka kgatelopele ya gagwe mo dithutong le diporojeke tse a di rulaganyang go
tswa kwa moepong, go tlisa ditlhabololo mo motseng.
• Kgosi Kgololo o neela Matsetseleko bosupi jwa maano a puso a go tlisa ditlhabololo mo
motseng.
49
• Tsala ya ga Matsetseleko e bong Kukama, le ena o leboga tiro kwa meepong, o ya kwa
Phiritshweu go ya go thusana le Matsetseleko ka diporojeke tsa ditlhabololo mo motseng.
• Meepo e ntsha kabo ya dimilione di le lesome, go ya ka kopo e e dirilweng ke
Matsetseleko ya go tsweletsa diporojeke tsa Phiritshweu pele. Matsetseleko le Kukama
ba tshwaraganela kgetse eno ya tsie, go thapiwa badiri, mogoma o tsena mo temeng.
Morafe o itumelela ditlhabololo.
• Go nna le meletlo ya manyalo, Kukama o nyala Mmathapelo fa Matsetseleko a nyala
Palesa.
• Matsetseleko le Kukama ka bobedi ba fiwa ditsha kwa Phiritshweu. Matsetseleko o aga
gaufi le kwa bogosing gonne a nyetse morwadia kgosi. Matsetseleko le Palesa ba
segofadiwa ka mawelana a basimane, Maphakela le Bokamoso.
• Matsetseleko o tlhomiwa go nna rratoropo wa kgaolo ya Tswaing. Kgosi Kgololo o rola
marapo a bogosi mme o a neela Matsetseleko ka a ne a se na morwa.
• Kgolagano magareng ga Matsetseleko le Segonyamatlho ga e a khutla le fa Matsetseleko
e le kgosi.
Tlotlofoko ya Kgaolo ya 11
50
TIRWANA YA 11
6 Dithuto tsa kwa meepong di ne tsa ungwela Matsetseleko jang kwa Phiritshweu? (2)
[16]
51
DIKAO TSA DIPOTSO TSA TLHAMO
Sekaseka dipotso tsa ditlhamo tse di latelang mme o leke go di araba go bona fa o tlhaloganya.
Sekao sa 1
Kgori e ne e le mmusaesi e bile a le pelotshetlha, a sa lemoge gore bobusaesi le
bopelotshetlha kwa bofelong ga di busetse sepe e bile di roba mokwatla. O ikaegile ka
ditiragalo tsa padi e e mo isong, kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a kana ka 400 – 450
go netefatsa tlhagiso e. (25)
Sekao sa 2
Sekao sa 3
52
DIKAEDI TSA GO TSHWAYA DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE
8 a. O montle (4)
b. Sefatlhego se se borethe
c. Sefatlhego se tlhapile ka monyenyo o o sa feleng
d. Meno a maswaana
e. Moriri o tlhakantse bontsho le bosweu
[25]
53
KAEDI YA GO TSHWAYA TIRWANA YA 2
3 Ke kalatšhane (1)
12 Ee. O tsweletsa ditiragalo tsa padi ka go letla Matsetseleko go nna kwa ga (2)
gwe.
[25]
54
KAEDI YA GO TSHWAYA TIRWANA YA 3
2 Ke baratani (1)
[25]
55
KAEDI YA GO TSHWAYA TIRWANA YA 4
1 Bra Boots
3 Kgaladi
b. Ba ne ba ikanyega
Ditsholofetso tsa bona mo go Matsetseleko di
ne di sa fetoge.
[25]
56
KAEDI YA GO TSHWAYA TIRWANA YA 5
11. Di tlisitse tsholofelo ya gore a ka bonwa. Di dirile gore letsholo la go mmatla le (2)
se khutle.
[25]
57
KAEDI YA GO TSHWAYA TIRWANA YA 6
4 Gore Matsetseleko o batla go boela gae mme o tshaba rraagwe le banna ba (2)
lekgotla.
12 [25]
58
KAEDI YA GO TSHWAYA TIRWANA YA 7
[10]
5 Ke baratani (2)
[12]
59
KAEDI YA GO TSHWAYA TIRWANA YA 9
[12]
[12]
60
KAEDI YA GO TSHWAYA TIRWANA YA 11
Tlhokomela se!
[12]
61
KAEDI YA GO TSHWAYA DITLHAMO
SEKAO SA 1
Mmapa wa dikakanyo
Kgori e ne e le mmusaesi e
bile a le pelotshetlha, a sa
lemoge gore bobusaesi le
bopelotshetlha kwa bofelong
ga di busetse sepe e bile di
roba mokwatla.
63
KAEDI YA GO TSHWAYA DITLHAMO
SEKAO SA 2
Mmapa wa dikakanyo
Setso le segompieno di
itshupa mo pading e, e
se diyathoteng di bapile.
3. Tsamaiso ya ga
4. Phiritshweu le
Dikhudung di supa Kgosi Kgololo le
thulano ya sešwa le banna ba lekgotla
segologolo jang? ba emela setso le
sešwa jang?
64
• Setso se pateletsa bana go ikokobeletsa batsadi le go se ba arabise. Ke ka moo Kgori a
neng a sa tlhaloganye fa Matsetseleko a tlhagisa ntlhakemo ya gagwe.
• Kgori o ne a setse a begetse Kgosi Kgololo fa Matsetseleko a tlaa tsaya mo ena a tlaa
tlogelang teng, ka ntlha ya bogodi, ka jalo kgotlhang e e tlaa mo tsenya matlho.
• Kelogile e ne e le mosadi wa setso, yo o neng a dumela gore monna ga a bodiwe dipotso
e bile ga a arabisiwe. Le fa go le jalo re bona a ema ka la gagwe fa Kgori a batla letsholo
la Makanyane a kgosing gore ba batlane le Matsetseleko fa Kelogile a dirisa sešwa a
batla thuso ya mapodisi.
• Kelogile jaaka mosadi yo o lailweng go ya ka setso, fa a se na go utlwa ka go bonagala
ga Matsetseleko kwa Dikhudung, ka boikobo o akgela tsotlhe mo magetleng a monna wa
gagwe. Go bontsha fa Kgori e le tlhogo ya lelapa, ga a thuse Kelogile mo ntlheng e, o
tswelela ka go tsupula molomo.
• Matsetseleko ka e le motho wa sešwa, o bona go le botoka go sa ise bothata jo a nang le
bona kwa kgosing mme o a ngweega. Palesa le ena go bontsha sešwa, o lokologa go
buisana le rraagwe ka Matsetseleko le ka bogwenegwene jwa banna ba lekgotla.
• Tumelo mo sešweng e bonagala ka lerato la bona le le sa tlhotlhelediweng ke batsadi
jaaka go dirwa mo setsong.
• Tsamaiso ya bogosi jwa kwa Phiritshweu e bontsha thulano magareng ga segologolo le
sešwa. Morongwa wa kgosing, Tshetlho o rongwa mekgaphe ya bogosi jaaka go biletsa
batho kopano. Kgosi o fetola lewa fa a roma Baagileng yo a se nang kamano epe le ena,
go mo emela kwa dikgaisanong tsa boPalesa. O tlhoma Matsetseleko go nna kgosi ya
kwa Phiritshweu le fa a se na madi a segosi.
• Le fa Kgosi Kgololo e le kgosi ya setso, o rata ditlhabololo tse di tliswang ke sešwa. Banna
ba lekgotla bona ka go tlhoka ponelopele, ba gana go tlisiwa ditlhabololo mo Phiritshweu
ka ba gopola gore di tla go ba amoga dithata le go ba tseela naga ya bona.
• Phiritshweu ke motse wa setso o bana ba tshwanetseng go bontsha tlotlo, banna ba
lekgotla ba ne ba gagamaditse molao, ba atlhola ka patiko. Kwa Dikhudung bana ba
feresela jaaka ba rata le go atlana ba sa iphitlhe.
65
KAEDI YA GO TSHWAYA DITLHAMO
SEKAO SA 3
Mmapa wa dikakanyo
Matsetseleko ke
mosekaphofu ya gaabo, ga
a tshabe go swa lentswe.
Bokhutlo
Katlego e a e fitlheletseng
66
• Matsetseleko o beta pelo mme o itshokela go dira le fa a sa bone tuelo epe, ka a
gopola gore o nyetse didiba. Mmatla sa gagwe o tlaa se bona. Matlhagatlhaga a
gagwe a dira gore mothapi wa gagwe a mo tshepe.
• Motlha o Bra Boots a neng a ya go mmatla kwa lebenkeleng, o supa botlhale jwa
gagwe, o fetola leina la gagwe ka bonako, o gana a bo a latola mme o bua maaka
gore motho yo o batliwang ke tsala ya gagwe e e kileng ya batla tiro mme e dirisa
aterese eo.
• O bona lokwalo la go kgweetsa, o feleletsa a rekile sejanaga mo go Segonyamatlho.
• O bona tiro kwa moepong. Go dira ka natla ga gagwe go mmulela mejako ya go
tsweletsa dithuto tsa gagwe tsa mafaratlhatlha a metlakase, jaaka a ne a eleditse.
• O dira kopo ya thuso ya matlole kwa moepong go tlisa diphetogo kwa Phiritshweu.
Moepo o ne wa neela morafe diranta di le dimilione di le lesome, go tsweletsa tiro, o
thusiwa ke Kukama.
• Morafe o itumelela gore Matsetseleko a bo a tlhomilwe go nna rratoropo wa Tswaing
gonne ba bonela pele ditlhabololo.
• Kgosi Kgololo o a mo tlotlomatsa, o itumelele diphitlhelelo tsa gagwe, o mo neela
bogosi jwa Phiritshweu.
• O nyala morwadia kgosi, Palesa, mokapelo wa gagwe wa bosea.
• Pelotshweu boela mannong, gonne mmatla sa gagwe o se bone. Matsetseleko o
eletsa gore rraagwe a ka bo a le gone go bona phitlhelelo eno.
• Ke nnete Matsetseleko ke mosekaphofu, ke monna wa lelapa, wa maemo, yo o
rutegileng kwa Phiritshweu e e tlhabologileng. [25]
67
KAROLO YA B LE C: RUBORIKI YA TLHATLHOBO YA DITLHAMO TSA DIKWALO: PADI LE TERAMA [25 MADUO]
Thanolo ya setlhogo -Tsibogelo ka dinaledi: -O bontsha go -Thanolo ya setlhogo e -Thanolo e e tlhaelang -Setlhogo ga se
Ngangisano e e 14–15 tlhaloganya, gape o e mo magareng, ga se ya setlhogo, ga go na tlhaloganngwe
tseneletseng, katlholo ranotse setlhogo sentle diponagalo tsotlhe tse le diponagalo dipe tse
le go tlhaloganya -Tsibogelo e e di tlhagisitsweng ka di tlhagisitsweng ka -Maiteko a a bokoa
setlhangwa manontlhotlho: 12–13 -Tsibogelo e e botlalo botlalo a go araba potso
lekalekanang ya dintlha
-Thanolo e e -Go na le dintlha -Go dintlha di le -Dintlha tsa
tseneletseng ya -Dintlha tse di dingwe tse dintle tse di mmalwa tse di ngangisano ga di
15 MADUO setlhogo utlwalang tsa tshegetsang setlhogo tshegetsang setlhogo dumelesege
ngangisano, fela ga se
-Motseletsele o o tsotlhe tse di -Dintlha dingwe tsa -Dintlha tsa ngangisano -Morutwana ga a
itumedisang wa dintlha tshegeditsweng jaaka dingangisano di tse di maleba di dinnye kgona go
tsa ngangisano, di go ne go tshwanetse tshegeditswe, mme fela thata tlhaloganya
tshegediwa ka botlalo bosupi ga bo mofutakwalo kgotsa
go tswa mo dikwalong -Go tlhaloganya dumelesege ka metlha -Go tlhaloganya setlhangwa
mofutakwalo le mofutakwalo le
-Go tlhaloganya setlhangwa go a bonala -Tlhalogantse setlhangwa go gonnye
mofutakwalo le bontlhabongwe jwa thata
setlhangwa go go mofutakwalo le
manontlhotlho setlhangwa
KAGEGO LE PUO 8–10 6–7 4–5 2–3 0–1
69
The Mind the Gap study guide series
This publication in not for sale.